0% found this document useful (0 votes)
446 views15 pages

Setswana 7 Shredded

This document is an examination paper for Setswana 7, Term 2, 2018, focusing on comprehension and language skills. It includes various questions related to a narrative about a character named Seako and his experiences, along with grammar and vocabulary exercises. The instructions emphasize following guidelines and answering all questions accurately.

Uploaded by

didintlemoabi1
Copyright
© © All Rights Reserved
We take content rights seriously. If you suspect this is your content, claim it here.
Available Formats
Download as PDF, TXT or read online on Scribd
0% found this document useful (0 votes)
446 views15 pages

Setswana 7 Shredded

This document is an examination paper for Setswana 7, Term 2, 2018, focusing on comprehension and language skills. It includes various questions related to a narrative about a character named Seako and his experiences, along with grammar and vocabulary exercises. The instructions emphasize following guidelines and answering all questions accurately.

Uploaded by

didintlemoabi1
Copyright
© © All Rights Reserved
We take content rights seriously. If you suspect this is your content, claim it here.
Available Formats
Download as PDF, TXT or read online on Scribd
You are on page 1/ 15

REPUBLIC OF BOTSWANA

CENTRAL REGION

MAHALAPYE – SUB REGION

SETSWANA 7 – TERM 2 - 2018

DITAELO METSOTSO YA TLHATLHOBO : 60

1) Araba dipotso tsotlhe


2) Arabela dipotso mo pampiring e o e filweng ya dikarabo
3) Tlhomamisa gore o sala ditaelo tsotlhe morago
4) Fa o sena go fetsa, boelela o rurifatse dikarabo tsa gago
5) Tsholetsa lebogo fa o batla kgakololo ka motsamaisa tlhatlhobo.
6) Go kopela yo mongwe ga go letlelelwe.

BALA POLELO EE LATELANG MME O ARABE DIPOTSO 1 GO EMA KA


9.(3.4.1.1-3.4.1.8)

“Tộta fa motho a a bo a kgophaletse jaana, go a bo go tla tsogwa leng? O se ka wa bo o


kolobeditse dikobo mosimane ke wena,” ga bua Mma- Seako. Seako o ne a palelwa ke go
tlhanya bosigo gore a ye go rota, ka jalo, o ne a nna a kolebetsa dikobo.

1
Setswana 7 Term II 2018
Morago ga go ngongorega ga ga mmaagwe, Seako o ne a ikutlwa a tshwenyegile thata ka go
kolobetsa dikobo ga gagwe. O ne a tsaya kgang le tsala ya gagwe ka go rotela mo dikobong
mme a sa tlhalose gore modiri wa mathata ao ke ene.

“Kago, na a re go tla jang gore motho a lore moroto,? Ke na le ntsalake yo o tshwenngwang


ke go lora moroto.” Ga bua Seako.“Monna,raya ntsalao a je peba. A dire jalo maitsiboa gore
e tle e simolole go mmereka a tloga a ya go robala. Selo seo se itse moroto,”Ga araba Kago.
Seako fa a akanya go ja peba a tlhakatlhakana dibete. O ne a bona e le selo se se bokete go se
dira.

Mo maitseboeng fa a ntse a nosetsa tshingwana ya merogo, a bona peba e e nonneng e


kgabola. A ikutlwa a feroga sebete. “O! Fa e kete ga ke monna jaana go rileng?” Fa a rialo a
nna le sebete sa go ja peba. A ya go e thaisa mme ya re go ise go ye kae, a fitlhela e ragaraga
mo teng ga selaga. Seako o ne a ya go besetsa peba ya gagwe kwa sekgweng, a bo a e ja. Le
fa nama eo e ne e se na monko ope oo ka bifelwang, o ne a kgwa mo a neng a sa solofele
gore o tla goroga kwa gae.

Kwa gae fa Seako a ne a re o a ja, dibete tsa kukega. Mmaagwe a mmotsa gore ke eng a ne a
sa je mme a bolela fa tlhogo ya gagwe e ne e opa. Mafoko a gagwe a ne a setswe morago ke
go kgwa. Ya re batsadi ba bona gore go nna maswe, ba fetsa ka gore ba mo ise kwa
kokelong. Fa a utlwa go buiwa ka kokelo, a bona go le botoka gore a tlhalose gore go rileng.
Batsadi ba sala ba atlhame fa ba utlwa gore o kgwisiwa ke eng. Ba ne ba feta ba bolelela ba
bongaka boammaruri mme mosimane a robadiwa malatsi a le mane. Fa a ntse a le koo, mooki
o ne a mo tsosa bosigo gore a ye go rota. Kwa gae, mmagwe le ene o ne a feta a tswelela ka
go mo tsosa bosigo. Letsatsi lengwe mmagwe a gatelelwa ke boroko ka jalo a se ka a mo
tsosa. A lala a o tshetse moroto. Seako a phakela a sulafaletswe ke sengwe le sengwe.

Fa a boela kwa sekolong, a bona go le botoka go latlhela ditlhong kgakala ka a ne a batla


thuso. A tlotlela tsala nngwe ya gagwe e bong Lesedi ka bothata jo a neng a na le jone. O ne a
mo tlotlela le ka go ja peba le ka fa go neng ga mo lwatsa ka teng. „Nna ke na le ntsalake yo
o nnang kwa morakeng yo o itseng go latlhisa motho go rotela dikobo. O ne a latlhisa
monnawe. A re ye rotlhe kwa morakeng ka Matlhatso, re ye go lala teng,”ga bua Lesedi.

“Kana o tlaa bo a nthusitse. Go riana ke tshogile ka gore morutabana a re re etele kwa Maun.
Seako o ne a letlelelwa go tsamaya le Lesedi. Fa ba tsena kwa morakeng, Lesedi a feta a
sebetsa ntsalae ka mathata a ga Seako. „Owai, ke kgetse e potlana. Ke tla mo alafa.” ga bua
ntsalae Lesedi. Fa go robalwa ntsalae Lesedi a ala phate ya gagwe ya letlalo la nku go bapa
le Seako.

E rile fela bosigogare fa ba thulametse, ntsalaa Lesedi a nanabela a ya go tsaya thupa, a feta a
e tshela Seako. “Tsoga monna o rotile. Utlwa jaaka o nkolobeditse. A ga o itse kwa go
rotelwang teng?” a bua jaana a ntse a mmetsa. Seako a bokolela gore a bo a tshele mo
dikobong. Thupa e, e ne e mo tsene mo e neng ya re go tswa fa, fa a thulametse, a bo a
phadimoga a ise a kolobetse dikobo. Go rotela dikobo gaga Seako ga ema.

2
Setswana 7 Term II 2018
1. Ke mang yo go buiwang thata ka ene mo polelong e ?
A. Kago
B. Seako
C. Ntsalaa Lesedi
D. Mmagwe Seako

2. Ke eng se se simolotseng ditiragalo tsa polelo e?


A. Go tsoga morago gaga Seako
B. Go tsena sekolo gag a Seako
C. Go ja peba gag a Seako mo go feletseng go dirile gore a ye go robadiwa kwa
kokelong
D. Go ngongorega ga ga mmagwe Seako ka kgang ya go kolobetsa dikobo ga ga
Seako.

3. Selo se se supang gore ditiragalo tsa polelo e ke tsa nako ya gompieno ke go bona
go
A. na le sekolo le kokelo
B. na le Maun le moraka
C. dirisiwa phate ya letlalo la nku
D. dirisiwa thupa go latlhisa Seako go rotela dikobo

4. Ke tiragalo efe e e dirileng gore Seako a je peba?


A. Go bona peba mo tshingwaneng ya merogo
B. Go tsaya loeto la sekole go ya kwa Maun
C. Go tsaya kgang le tsala ya gagwe
D. Go ya kwa morakeng

5. Seako ke motho yo o ntseng jang?


A. Yo e reng fa a batla selo a bo a sa ineele le fa go ka nna thata
B. Yo o kgonang go nna kwa morakeng le fa e se wa gabone
C. Yo o sa reetseng dikgakolo tsa batho ba bangwe
D. Yo o ratang go tsamaya maeto a sekolo

6. Botshelo jwa ga Seako bo fetoga fa a se na go


A. ja peba
B. itewa kwa morakeng
C. robadiwa kwa kokelong
D. bolelela Lesedi gore o tlhoka thuso

3
Setswana 7 Term II 2018
7. Ke efe thulaganyo e e supang ka fa ditiragalo tsa polelo e di tlhomaganang ka teng?
A. Seako o bua le Lesedi ka mathata a gagwe, Seako o ja peba; Seako o a lwala;
Ntsalaa Lesedi o itaya Seako; Seako o robala mo kokelong
B. Seako o a lwala; Seako o ja peb a; Seako o bua le Lesedi ka mathata a gagwe;
Seako o robala mo kokelong; Ntsalaa Lesedi o itaya Seako.
C. Ntsalaa Lesedi o itaya Seako; Seako o a lwala; Seako o ja peba; Seako o robala
mo kokelong; Seako o bua le lesedi ka mathata a gagwe
D. Seako o ja peba; Seako o a lwala; Seako o robala mo kokelong, Seako o bua le
Lesedi ka mathata a gagwe; Ntsalaa Lesedi o itaya Seako;

8. Mathata a, a fitlhelwang mo polelong e, a tlisitswe ke eng?


A. Go tlhoka lesego ga ga Seako
B. Go aketsa batho ga ga Seako
C. Go tlhoiwa ke batho ga ga Seako
D. Go nna maaka ga batho ba ba nnang le Seako

9. Molaetsa wa polelo e ke eng?


A. Go bolelela batho sephiri sa ga go go ka go tsenya mo mathateng.
B. Motho fa a na le mathata o tshwanetse a itlhoboga.
C. Motho mongwe le mongwe o na le mathata
D. Go sa ineeleng motlhofo go a thusa

TLHOPHA GORE MAFOKO A A SEGETSWENG DITSELA KE DIKAROLO DI FE


TSA PUO MO DIPOTSONG 10-13 (4.7.1.1)

10 Monna yo, o mokima.

A. leina
B. leemedi
C. letlhaodi
D. bong

11Podi e pirwa e tlhagile lesaka.

A. leina
B. leemedi
C. lebadi
D. letlhaodi

12, Basimane ba thuba lone.

A. leina
B. leemedi
C. ngotlo
D. bong

4
Setswana 7 Term II 2018
13.Rakgadi o ile Moiyabana maabane.

A. leina
B. leemedi
C. ngotlo
D. bong

TLHOPHA PAKA E E DIRISITSWENG MO DIELENG 14-17 (4.7.1.3)

14
Malome o bolaile noga e tona.

A. paka-pheti
B. paka-tsweletso
C. paka jaanong
D. paka e e fitileng
15.

Ke apaya sefitlholo.

A. paka- phiti
B. paka-tsweletso
C. paka jaanong
D. paka e e fetileng
16.

Rre o tla a ya gae kgwedi e e tlang.

A. paka- phiti
B. paka e e tlang
C. paka jaanong
D. paka e e fetileng
17.

Bana ba ne ba kwala ditlhatlhobo.

A. paka- phiti
B. paka-tsweletso
C. paka jaanong
D. paka e e fetileng

5
Setswana 7 Term II 2018
MO DIPOTSONG 18-20, TLHOPHA LEFOKO LE LE KOPANYANG DIELE TSE DI
FILWENG MME DI SALA DI SA FETOGE. ( 3.1.1.1)

18.O rekile koloi. Ga a itse go kgweetsa.


A. koo teng
B. boo
C. ka
D. le mororo

19.Ke tsamaya le ene. Ga ke itse kwa a yang teng.

A. le
B. kante
C. mme
D. kgotsa

20.O a mpotsa. Ke a itse.

A. kante
B. boo
C. e bile
D. kgotsa

TLHOPHA SEELE SE MO GO SONE GO DIRISITSWENG


DITLHAKAKGOLO KA FA GO TSHWANETSENG MO DIPOTSONG 21 -
22. ( 4.3.1.2 STD 6)

21. A. Nna Mma ke tsamaya ka labobedi kwa diphuduhudu.


B. Nna mma ke tsamaya ka Labobedi kwa Diphuduhudu.
C. Nna Mma ke tsamaya ka Labobedi kwa diphuduhudu.
D. Nna mma ke tsamaya ka labobedi kwa Diphuduhudu

22. A. Ba phuthego ya Pentekosete ba agile kereke.


B. Ba phuthego ya pentekosete ba agile kereke.
C. Ba Phuthego ya pentekosete ba agile Kereke.
D. Ba Phuthego ya Pentekosete ba agile Kereke.

TLHOPHA SEELE SE SE KWADILWENG KA MOKWALO O O


AMOGELESEGANG MO DIPOTSONG 23 - 26.(4.1.1.1-4.1.1.2)

23. A. Lo hithe le mmitse ha lo mo hithela koo


B. Lo fithe le mmitse ge le ka mo fitlhela koo
C. Lo fitlhe le mmitse fa lo mo fitlhela koo
D. Lo hithe lo mmitse ga le ka mo hithela koo

6
Setswana 7 Term II 2018
24. A. Sekgwanyana se se fa le se a boifisa.
B. Sekgwanyana se se fale se a boifisa.
C. Sekgwanyana sese fa le sea boifisa.
D. Sekgwanyana sese fale sea boifisa.

25. A. O se ka wa togela tatana eo.


B. O se ka wa togela tlatlana eo.
C. O se ka wa tlogela tlatlana eo.
D. O se ka wa tlogela tatana eo.

26. A. Dishaba di na le dingwao tsa tsone.


B. Disaba di na le dingwao tsa tsone.
C. Dichaba di na le dingwao tsa tsone.
D. Ditshaba di na le dingwao tsa tsone.

TLHOPHA SEELE SE MO GO SONE GO DIRISITSWENG MATSHWAO A


MOKWALO SENTLE MO DIPOTSONG 27 - 29. (4.3.1.2 std 6)

27. A. O ne o na le mang fa sefefo se rutlolola ntlo.

B. O ne o na le mang fa sefefo se rutlolola ntlo?


C. O ne o na le mang, fa sefefo se rutlolola ntlo!
D.O ne o na le mang? Fa sefefo se rutlolola ntlo.

28. A. Le fa o mmona a ntse jaana. ke motho yo o lorato thata.


B. Le fa o mmona a ntse jaana! ke motho yo o lorato thata.
C. Le fa o mmona a ntse jaana ke motho, yo o lorato thata.
D. Le fa o mmona a ntse jaana, ke motho yo o lorato thata.

29. A. “Tswa fa go nna,” Mma-Bani a bua a tenegile!


B.“Tswa fa go nna Mma-Bani a bua a tenegile.”
C. Tswa fa go nna. “Mma-Bani a bua a tenegile!”
D. “Tswa fa go nna!”Mma-Bani a bua a tenegile.

RANOLELA DIELE TSE DI FILWENG MO DIPOTSONG 30-31 MO


SETSWANAENG. (4.5.1.1)

30. Keneilwe meets her friend at the river.

A. Keneilwe le tsala ya gagwe ba ya go kopanela kwa nokeng.


B. Keneilwe o kopana le tsala ya gagwe kwa nokeng.
C. Keneilwe o ile nokeng le tsala ya gagwe.
D. Keneilwe o mo nokeng le tsala ya gagwe.

7
Setswana 7 Term II 2018
31. Rramontsho has a new job which he likes very much.

A. Rramontsho o bone tiro e ntsha e a e ratang thata.


B. Rramontsho o na le tiro e ntsha e bile o a e rata.
C. Tiro ya ga Rramontsho e ntsha e siame thata.
D. Tiro e ntsha ya ga Rramontsho e siame.

TLHOPHA THULAGANYO YA DIELE E E AGANG TEMANA E E


LOMAGANANG SENTLE MO DIPOTSONG 32 - 34. (2.1.1.2)

32.1. Nngwe ya tsone ditsela tse, e ne e le go letsa moropa.

2. Bogologolo molaetsa o ne o romelwa ka ditsela tse di ntsi.


3. E bofefo go romela molaetsa go na le ditsela tse dingwe.
4. Gompieno go dirisiwa khomphutara.

A. 4312
B. 2431
C. 4231
D. 2143

33.1. Fa e tsholetsa nko rotlhe ra itigela fa fatshe.

2. Ya utlwa namane e lela kwa morago mme ya re lebala ka lobakanyana.


3. Ra gopa ka dimpa mme ra kgona go falola.
4. Re ne re ya kgonnye fa re rakana le kgomo ya setsenwa.

A. 4231
B. 1234
C. 4123
D. 1432

DIRISA TEMANA E E FA TLASE GO ARABA DIPOTSO 34 - 35.( 5.2.1.1-


5.2.1.2)

Olebile o nyetse Dingalo mme ba na le bana ba basetsana ba le babedi, e leng Tumo le


Itumeleng. Tumo o nyetswe ke Kabelo fa Itumeleng ene a nyetswe ke Chris. Tumo le
monna wa gagwe ba na le ngwana a le mongwe wa mosetsana e leng Mmaosadi.
Itumeleng ene o na le bana ba le bararo, basetsana ba le babedi, e leng Tshepiso le
Selwana le kgaitsadiabone e leng Bobo.

8
Setswana 7 Term II 2018
34. Chris ke eng sa ga Tshepiso?

A. Rraagwemogolo
B. Malomaagwe
C. Rraagwe
D. Ntsalae

35. Mmaosadi o bitsa Dingalo a reng?

A. Mme
B. Nkuku
C. Mmemogolo
D. Mmangwana

BALA LEBOKO LE LE LATELANG O BO O ARABA DIPOTSO 36-39 (3.4.1.9)

Lefufa ke motswedi wa dintwa


Motheo wa marara le kilo
Le gogetse baitshepi go lwa.
Batsadi la ba tsenya bosilo.

E a re go tsena pelong ya monna


A digele moratwa mo isong
A tsenya lofetho go bona,
Botlhe fela go nne botlhokakitso.

Lethata jaaka lentswe


Lentswe le ne la butswa lone la sala
Le tlhotholeditse go atlhola.
Morena, la mothokisa ditsala.

Totlhanya ditshaba, go lotlhanye batho,


Maseanyana a bolawa
Ka le sa aparelwe setlhako
Ga le tsene gope le lebalwe

Ke lone le le itseng Johane


Le thata ke nawa ya phure
Lefufa ga le pelo khutshwane
E a re le tsene le nnele ruri

9
Setswana 7 Term II 2018
KE DIKAPUO DIFE TSE DI DIRISITSWENG MO SEELENG

36. Lefufa ga le pelokhutshwane


A. mothofatso
B. tshwantshiso
C. tshwantshanyo
D. thitokgang

37. Le thata jaaka lentswe


A. Mothofatso
B. tshwantshiso
C. tshwantshanyo
D.thitokgang

38. Le thata ke nawa ya phure


A. mothofatso
B. tshwantshiso
C. tshwantshanyo
D.thitokgang

39. Go ya ka wena o bona setlhogo se se tshwanetseng leboko le se ka nna eng?


A. moratiwa
B. monna
C. lenyalo
D. lefufa

TLHOPHA TLHALOSO E E TSAMAELANANG LE MAFOKO A A SEGETSWENG


TSELANA GO YA KA FA A DIRISITSWENG KA TENG MO SEELENG (40-41)
(3.7.2.4 STD 5)

40. Mpho o rile go bona mapodise a le botsa phokoje


A. iphitlha
B. a tshoga
C. a botsa phokoje potso
D. a sia
41. Morago ga go lwala ka lobaka Modiegi one a raga thokolo
A. O ne o tlhokafala
B. O ne a fola
C. O ne a ya kokelong
D. O ne o ya kwa lesakeng

10
Setswana 7 Term II 2018
TLHOPHA LEFOKO LE LE DUMANG KA GO TSHWANA LE LE LE MO
LEBOKOSONG (1.2.1.1 STD 5)

42. Kgaupetsa
A. Kgadiepetsa
B. Kgodu
C. Kgetla
D. kgotla

BALA PEGO E E FA TLASE MME MORAGO O ARABE DIPOTSO (4.2.1.5)

Banni ba metse ya Machaneng, Sefhare le Matlhako ba re go tlhaela ga badiri ba bo


mmaboipelego, bakenti le balemesi go dira gore ba palelwe ke go dirisa mananeo a puso e ba
thusang ka one. Ba ne ba bua jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke
mopalamente wa bone. Ba re ka puso e sa ikemisetse go ba thusa ka badiri, ga gona ka fa ba
ka dirisang mananeo a tshwana le a ALDEP. Ba tlhalositse fa ba sa kgone go tlatsa difomo
tsa go ikopela dithuso.

Selo se sengwe se banni ba metse e o ba se buileng ke gore le fa lenaneo la ALDEP le ne le


ka tokafatsa matshelo a bone ba ngongoregela gore lenaneo leo le kgetholola batho bangwe.
Ba buile gore lenaneo le ga le akaretse Batswana ba kwa ditirong tsa bone ba duelwang go
feta P20,000 ka ngwaga le mororo babereki ba go nna jalo ba na le mathata a botshelo.

43. Pego e ke mofuta o o kwalwang ke batho ba ba


A. kwalang dilo tse go buiwang ka tsone mo phuthegong
B. tlhalosang seemo sa loapi
C. fang mapodise bosupi
D. begang dikgang

44. Motho yo o kwadileng pego e, o ne a batla go supa eng ka dithuto tsa ALDEP

A. gore batho bangwe ba ba berekang ba eletsa go di dirisa


B. gore Batswana ba metse mengwe ga ba batle go dirisa dithuso tse
C. gore ga di a dirwa ka maikaelelo a go thusa mongwe le mongwe yo o di tlhokang.
D. gore di tlhaela batho ba metse mengwe ka mapalamente a bone a sa di ba tlhalosetse
sentle.
45. Motho yo o neng a kwala pego e, maikaelelo a gagwe ke go dira eng ?

A. go tlhagisa bothokwa ja go nna le badiri ba ba tlhokiwang go tsamaisa mananeo a puso


B. go lemotsha batho ba metse botlhokwa jwa go dirisa lenaneo la ALDEP.
C. go ntsha ngongorego mabapi le ka fa puso e dirang dilo dingwe ka teng.
D. go bolela ka fa batho ba ba sa diriseng ALDEP ba sotlega ka teng

11
Setswana 7 Term II 2018
TLHOPHA LEFOKO LE LE TSHWANETSENG GO TLATSA PHATLHA NNGWE
LE NNGWE 46-50 (4.7.1.1 std 6)

Mo mosong mongwe ba -----46--------- jaaka gale go sena molato ope. Modise a leba kwa
ntlong ya molelo go ya go----------47-----------.Fa a leba fa-------------------48, a bona go
tshutshuma ga mmu go supa gore mmu o--------49------- ka metsi. Fa a bula ntlo, a
kopantshiwa ke metsi a sa ntse a dutla. Nkgwana e ne e na le leroba le le tona, e phatlogile. A
tshoga gore rraagwe o tla mo omanya a re o ---------------50--------- dipodi di tsena mo ntlong

A B C D
46 Robala Tsoga Lela Rapama
47 Alola Tsaya Robala Gotsa
48 Godimo Kgorwaneng Gare Maribelong
49 Koloba Phatlotswe kolobeditswe kolobile
50 tlogetse Tlhatlhotswe iteile kganetswe

BALA LEINANE LE LE LATELANG MME MORAGO Ô ARABE DIPOTSO ( 3.4.1.1


-3.4.1.8)

Phiri , Phokoje le Mmutle ene e le ditsala tse di ntshanang seinong. Gatwe Phiri one a rata
Phokoje thata, go se na letsatsi le le fetang a sa mo etele. Phokoje ene o ne a rata Mmutle
thata ba etelana mme e ne e re fa ba le mmogo Phokoje a bo a bua bosula ka Phiri. Mmutle
ene o ne a nna a kgalemela Phokoje gore “a lese go ja yo mongwe direthe.”

Letsatsi lengwe Phiri a tla go itoka tlala. A re, “Barwa – rre, a re yeng go tsoma, nna kwa ga
me go ntshofetse. Go riana ke sule ke tlala.” Phokoje a re , Ijoo! A o raya re ya go kobakoba
diphologolo? Phiri a re, “Nna ga ke di tsene tseo. Iketle letsatsi le phirime ke tla go isa fa ke
tshelang teng. Phokoje morwa – rra ke eng re letela letsatsi le phirima? Ntlha nna ke a
tshoga!” Phokoje are, “wela dibete tsala yame. Rapolase o robala kgaatsho! Ga gona
mathata. Re ya go di fitlhela di penapena megatla ee mafura.”

Mmutle a re , “Nna ditsala fa lo itseela lo sa fiwa ga ke tsene, kana selo se ke bogodu. Kana e
bile nna ga ke rate nama.” Phokoje a re, “ Se ntse o re bogodu ! Ô re go ithusa. Go siame fa
o sa ithuse le rona re kopa gore o tswe modisa o tle o re tlhagise fa Rapolase a ka
tsoga.Mmutle a dumelana ka meno a maleele.

Ya re bosigo Phokoje a etelela pele ka o ne a tlwaetse tsela. Phiri a tla a mo setse morago. Ba
tsena ka phatlhanyana e tshesane ka fa morago ga lesaka. Phiri ya re a a utlwa monko wa
dihutshane a metsa matlhe gantsintsi. A tlola a phamola ya ntlha a thamutsa mogatla, a tloga
a e garolaka gongwe le gongwe. Nyaa rra, Phiri a letsa leino gangwe le gape.Phokoje o ne a
itse gore phatlha e ba tseneng ka yone e tshesane jalo o ne a ntse a ya go itekanya gore a seka
a thama. Phiri o ne a sa tlhole a ratela o ne a feretlha dihutshane, tsa simolola go tsosa
modumo, jalo dintsa tsa bogola.

Ya re Rapolase le bathusi ba gagwe ba tla, Phokoje a kgona go somoga ka phatlhanyana fa


Phiri ene dimpa di thama ka di ne di ngamogile thata. Ba mo keteka ka dibetsa tsotlhe mme la

12
Setswana 7 Term II 2018
bofelo a falola. Fa a tla a thetheekela a utlwa ditsala di mmitsa ka fa morago ga letlapa le le
tona. A bua a sakgetse, “Jaanong Mmutle ke eng o ne sa re tlhabe podi matseba?” Mmutle a
re , “morwa – rra borokonyana bone bo ile ka nna, lo tlaa intshwarela.” A tloga a re, “a re
tsamaeng dintsa di tloga di re latela.”Phiri a kwetsepela, a gogoretse ruri a le mo ditlhabing.
Phokoje ene a namalala fela a baya tlhogo fa fatshe, a re, Phiri morwa – rre ,nna ga ke kgone,
nthusa Ô mpelege”

Mmutle a re, “Ao! Go riana Ô golafetse? Nna ke bona morwa-rre Phiri e le ene a
golafetseng” Phokoje a namalala fela a re, “Gosiame ntlogelang kana gatwe ga bo utlwelwe.
Mmele wa me o tla a jewa ke manong go ne fa.” Ya re Phiri a utlwa jalo a mmelega. A bo a
le mo ditlhabing gape a imelwa ke Phokoje . Mmutle a utlwa Phokoje a ngunanguna a re
,”Monate! Moswi Ô belege motshedi.” Mmutle a buela kwa godimo a re, “Ao Phokoje! Wa
re moswi o belege motshedi?” E rile a utlwa mafoko ao, a sakgala a piriganya Phokoje fa
fatshe. Phokoje a supulu ga a fata mmu.

Mmutle a sala a gomotsa Phiri a re, Mo tlogele morwa – rre, gatwe mogae ga a ke a sita
mogae ka ene.”Phokoje a siela ruri a tshaba go kopana le ditsala tsa gagwe.

DIPOTSO

51. Moanelwa mogolo mo leinaneng ke mang?

A. Mmutle
B.Phiri
C.Phokoje
D. Rapolase

52. Seelana se se reng “ go ja yo mongwe direthe”se raya eng?

A. Go golafatsa yo mongwe
B. Go loma yo mongwe
C. Go seba yo mongwe
D. Go sia yo mongwe

53. Phokoje fa a re “Wela dibete tsala ya me” o raya gore

A. A dige sebete
B. A Je ka bonako
C. Sebete se jewa bosigo
D. Se tshwenyege

54. Fa gotwe dihutshane di penapena megatla e mafura go tewa di dira jang?

A. Di itumetse
B. Di e ja mafura
C. Sebete se jewa bosigo
D. Di sa rate

13
Setswana 7 Term II 2018
55. Go tewa jang Mmutle a dumela ka meno a maleele?

A. A a robegileng
B. A itumetse
C . A sa rate
D. A se na manganga

56. Phiri le Phokoje ba ne ba ya go utswa dihutshane leng?

A . Bosigo
B. Maitseboa
C. Motshegare
D. Phakela

57. Go tewa jang fa go twe Phiri a letsa leino gangwe le gape?

A. A senne meno
B. A metsa mathe
C. A betsa
D. A a ja thata

58. Ke eng Phiri a ne a thama mo phatlheng ya lesaka?

A. Go ne go le bosigo
B. Ô ne a tshogile
C, Ô ne a rwele nama
D. Ô ne a kgotshe thata

59. Ke mang yoo neng a gobetse thata?

A. Mmutle
B. Phiri
C. Phokoje.
D. Rapolase

60. Ke eng se Ô se Ô se ithutileng mo leinaneng le?

A. Mmutle o ne a rata nama


B. Phokoje Ô ne a sa rate Mmutle
C. Tlala e kgona go bolaya
D. Ô kgona go rata motho o re ke tsala mme ene a na le mmaba mo go wena

14
Setswana 7 Term II 2018
ANSWERS

1. B 31. B
2. D 32. D
3. A 33. C
4. B 34. C
5. A 35. B
6. B 36. A
7. D 37. C
8. A 38. B
9. D 39. D
10. A 40. D
11. D 41. A
12. B 42. A
13. A 43. D
14. A 44. C
15. C 45. B
16. B 46. B
17. D 47. D
18. B 48. B
19. C 49. C
20. B 50. A
21. B 51. B
22. A 52. C
23. C 53. D
24. A 54. A
25. C 55. C
26. D 56. A
27. B 57. D
28. D 58. D
29. D 59. A
30. B 60. D

15
Setswana 7 Term II 2018

You might also like