PAMPIRIYA NTLHA (Paper 1) (1HR 40MINS)
KAROLO YA NTLHA
DIPOLELO (1 HR) Compositions/Essays MATSHWAO A
POLELO: 30
Mefuta ya dipolelo
E mene (4). Ke e e latelang:
1. Polelo ya nnete (Factual composition)
2. Polelo ya kanelo/totlego (Narrative composition)
3. Polelo ya tlhaloso (Descriptive composition)
4. Polelo ya ngangisano (Argumentative composition)
Mofuta mongwe le mongwe wa polelo o tlaa tlhalosiwa fa tlase.
1 .Polelo ya nnete
Mabaka otlhe a a fiwang ke moithuti e nne a nnete otlhe. Maaka ga a
letlelelwe.
DIKAI:
-Bojalwa bo a bolaya.
-Mosola wa thuto.
-Bophepa bo rotloetsa boitekanelo jwa motho.
2. Polelo ya kanelo
Moithuti o itlhamela ditiragalo tse di dumelesegang, a se ka a godisa
ditiragalo mo go feteletseng.
DIKAI:
-Dikgang di dule fa ba goroga.
-Fa a fitlha fa go bone, a ba keleka ka bongwe ka bongwe; a lemoga
fa ba ne ba bua ka ene.
-Teko o ne a sala a gakgamaditse batsadi ba gagwe.
3. Polelo ya tlhaloso
Moithuti o itlhamela ditiragalo a di tlhalosa.
DIKAI:
-Moletlo wa tsamaya sentle wa ga mogokgo.
-Dikago tse dintle tse ke kileng ka di bona.
4. Polelo ya ngangisano
Moithuti o itseela letlhakore a bo a papamala fela ka lone go ya kwa
bokhutlong, ga a a ame letlhakore le lengwe. Fa a dumalana o dira
fela a sa ame nnyaa.
DIKAI: Paka ya sekole e tshwanetse go emisiwa. Dumalana kgotsa o
ganetse
ka mabaka.
Moithuti a supele ruri mo matsenong gore o tsere letlhakore lefe. A
seka a re ke dumalana le setlhogo fa se kana ke ganetsana le setlhogo
se.
Fa a dumalana le setlhogo o kwala a re, Paka ya sekolo e tshwanetse
go emisiwa mme a ganetsana/ a sa dumalane le setlhogo o kwala
jaana: Paka ya sekole ga e a tshwanela go emisiwa/Paka ya sekolo e
tshwanetse go tswelela
ELA TLHOKO: -Setlhogo sa polelo se ka kwalwa ka ditsela tse pedi:
i.ka ditlhaka tse dinnye mme ya tlhaka ya ntlha e le
tlhakakgolo, setlhogo se a kgwarelwa.
ii. ka ditlhakakgolo setlhogo sotlhe, ga o se kgwarele.
-Dintlha tse di agang polelo, tlhopha tsa motia o bo o
di
atololosa/tlhalosa.
-Puo e e tlhamaletseng mo polelong ga e monate e
bile ga e
supe kitso ya moithuti ya go itse puo e e nonneng ka
jalo,
moithuti o tshwanetse go latlhela seane/leele/ puo e e
teng e le
Setswana se se lolameng mme re sa e dirise thata.
-Matshwao a [. le ,] a tseye gore a dirisiwa ke
moithuti
mongwe le mongwe ka jalo dirisa a[? ! “ ” le …]
gore o ye fa
godimo ka matshwao.
KAROLO YA BOBEDI (40 MINUTES) MATSHWAO A
KAROLO E: 20
PUISO-BATHO (Speech)
Maikaelelo a go buisa batho ke go fa bareetsi molaetsa o o rileng
kana go abelana le bone mogopolo mongwe. Maikaelelo otlhe a puiso-
batho ke gore go nne le go tlhaloganyana, batho ba ba buisiwang ba
kgone go tsaya molaetsa ka tlhamalalo fela jaaka sebui se ikaeletse go
o ba neela. Fa go se na yo o amogetseng molaetsa go tlaa bo go raya
gore puiso-batho e iteile se fololetse.
POPEGO YA PUISO BATHO
Puiso-batho e tshwanetse go nna le tse di latelang:
SETLHOGO: Ke se sebui se tlileng go bua ka sone. Se araba dipotso
tse:
a. O mang(leina le sefane)
b. O buisa bomang
c. Ka ga eng
d. Kae
e. Leng (kgwedi ka botlalo (month go le dikafe le year (le
nako:oclock nako ka tlholego-maphakela/motshegare)
-DITUMEDISO (PROTOCOL)
Sebui se tshwanetse go tlhomaganya batsenelela phuthego ka go
latelana ga maemo a bone (A-Z). Morago ga moo a bo a ba dumedisa.
-MATSENO-PULO YA PHUTHEGO (OPENING)
A sebui se ngoke theetso ya batsenelela phuthego gore ba nne le
kgatlhego ya go reetsa. Dirisa puo e e gogelang.
-MAIKAELELO (OBJECTIVE)
A sebui se bolelele bareetsi gore ba phuthaganetse eng, o gwetlhilwe
ke eng gore a tle go ba buisa. A bue le gore o solofela eng morago ga
phuthego e ka seemo se ba se phuthaganetseng. Fa ga o kopololo
potso mme o soboka se o batlang go se fitlhelela morago ga go buisa
phuthego.
-MMELE (DEVELOPMENT)
Ke katoloso ya kgang ka bophara. Ke gone fa sebui se sedimosang se
bo se atolosa dintlha ka botswerere. Dintlha tse di rulaganngwe
sentle ka tatelano jaana:
a.MATHATA
Gore sebui se bo se biditse phuthego go a bo go na le seemo sengwe se
se tlhagileng se go tshwanetseng ga lebaganwa le sone. Sebui se ka
bua ka mathata a e le go leka go tlhagisa/tsibosa batho. Godimo ga
moo, sebui se tshwanetse go papamatsa gore mathata ke afe/eng.
b. DITEMOTSHI (INDICATORS)
Sebui se bue gore ke eng se se mo lemotshitseng gore seemo se a
buang ka sone se teng. O ka supa ka dilo di le mmalwa go laola gore
potso ya reng mme a tlhalosa gore re mo utlwe e seng go di balolola
fela (sekai-dipalo).
c.TSE DI BAKANG MATHATA (CAUSES)
Mathata a o a boletseng a bakiwa ke eng. Balolola/Bolela mathata a
le mane (4) o bo o a atolosa/tlhalosa.
d. DITLAMORAGO (EFFECTS)
Mathata mangwe le mangwe a na le ditlamorago tse di
farologanyeng. A sebui se ntshe ditlamorago tsa mathata a se
itebagantseng le one, se bo se a tlhalosa ka botlalo. Bogolo di nne
tharo (3), di balolole o bo o di tlhalosa.
Moithuti a lebelele ditlamorago jaana:
- Ba go buiwang ka bone baa mega jang.
- Lefelo le a mo go lone (lelwapa/sekolo) le amega jang.
- Motse/kgaolo e amega jang.
- Lefatshe/puso e amega jang.
e. DITHARABOLOLO (SOLUTIONS)
Sebui se tshwanetse go tla ka megopolo e e farologaneng e le
tharabololo ya mathata kana ditsela tse di ka dirisiwang go laola
seemo. Tharabololo e ntshiwa ka tsela e e ka gwetlhang bareetsi gore
le bone ba ipone ba tshwanelwa ke go nna le seabe mo go yone. Le
yone e laolwa ke mabaka a o buileng ka one. Ditharabolo di nne nne
(4). Neela mongwe le mongwe wa batsenela-phuthego tiro[ e e
baakanyang causes], e se ka ya nna tiro e e tshwanang.
f. BOKHUTLO (CONCLUSION)
Mo bokhutlong, sebui se a bo se garela kgang e se ntseng se e beile
bareetsi pele. A sebui se khutlise kgang ya sone ka fa tshwanelong a
dire gore bareetsi le bone ba ikutlwe ba wela, ba se ka ba tsietsega
kgotsa ba solofela sepe go feta foo. A mongwe le mongwe wa bone a
emelele ka mhago/ ka kitso ya gore o tshwanetse go tsaya kgato. A ba
fiwe tiro (assignment).
SEKAI SA PUISO BATHO
Mogokgo wa sekolo se segolwane sa Mmadinare Rre Lechani o buisa
baithuti ka botlhokwa jwa go ikgapha mo tlhakanelong dikobo kwa
ntlolehalahala ya sekolo ka Mosupologo kgwedi ya Phalane e le
malatsi a le lesome le boraro, ngwaga wa 2022 ka nako ya bobedi
motshegare
Mothusa-mogokgo, baoki, barutabana, batsadi le baithuti, ke a le
dumedisa.
Bagaetsho, ke lebogela go bo le tlile ka bontsi jo bo kana, go supa fa
le utlwile mokgosi. Go botlhokwa go bo le bone go tshwanela go
tlogela ditiro tsa malwapa a lona tse di farologaneng le bo le nna
batsayakarolo mo phuthegong e, ka lo itse gore setshwarwa ke ntša
pedi ga se thata.
Betsho, ke le biditse fa gore re tle go bua matlho a phage a lebane, re
thulanye ditlhogo re bone gore a tota mokaloba yo o fa pele ga rona
yo ga re ka ke ra wa ka ene ka a re tseela baithuti ba ba tlhwatlhwa.
Ke solofela gore fa phuthego e e ya go wela re tlaa bo re dule ka
ditsela tse di ka re thusang go lwantsha mathata a.
Phuthego, ke lemogile gore go na le bothata fa ke bona bontsi jwa
baithuti ba basetsana ba tlogela sekolo ka dipalo tse di tsitsibanyang
mmele mme fa ke botsisisa ka lemoga fa e le ka ntlha ya boimana e
bile go lebega fa baithuti ba sa itse botlhokwa jwa go ikgapha mo
tlhakanelong dikobo. Batsadi! Bana ba rona ba wela ka lemena re le
teng?
Bongwanaka, ke lemogile fa le iteseletsa le bo le ratana le borre ba
batona ka ntlha ya go rata madi kana botshelo jo bo kwa godimo mo
go felelang le dirisiwa mo go tsa tlhakanelo dikobo e e sa
sireletsegang e bile lo ka se ka la ipuelela mo ditshwetsong tse di
tsewang ke borre bao le bo le felela le ima.
Baithuti, bangwe ba lona ba laolwa ke nnotagi mo e leng gore fa
motho wa go nna jalo a itshietse tlhaloganyo ga e dire sentle, o felela
a palelwa ke go laola maikutlo a gagwe a bo a tsena mo tlhakanelong
dikobo e e sa sireletsegang, maduo e bo e nna boimana jo bo sa
ipaakanyediwang.
Se sengwe gape bongwanaka ke gore le iphitlhela le le mo kgatelelong
ya ditsala le batla go di kgotsofatsa le bo le tsaya ditshwetso tsa go
tlhakanela dikobo ka nako e e seng yone le bo le iphitlhela le imile.
Baithuti, go tlhakanela dikobo o sa itshireletsa go na le ditlamorago
tse di botlhoko. Fa moithuti a tlhakanela dikobo a sa itshireletsa go
na le kgonagalo ya go ka tsenwa ke malwetse a tlhakanelo dikobo a
tshwana le HIV/AIDS le a mangwe e bile mangwe a malwetse ga a
na kalafi ka jalo a a ka felelang a go tseetse botshelo. Bongwanaka, fa
go tla kwa boimaneng gone ga re bue ka mathata a teng a kana ka
thapo tsa leselo. Mebele ya lona kana ga e ise e lekane go ka emela
dikgwetlho tsa pelegi gotlhelele ka jalo bangwe ba lona ba ka felela
ba tlhokafetse, fa ba bangwe ba latlhegelwa le ke one masea tota.
Bagaetsho, ditlamorago tsa boimana ga se go latlhegelwa ke botshelo
fela, moithuti gape o latlhegelwa ke sekolo mo godimo ga moo
bangwe ba bone ba ka senya boimana ba tshaba batsadi ba bo ba
felela ba tlhokafetse mo maitekong ao.
Batho betsho, mathata a teng e bile re itemogetse gore a bakwa ke
eng le ditlamorago tsa one le fa gontse jalo, ga re ka ke ra latlhela
seditsi, sengwe se tshwanetse sa dirwa go lwantsha mathata a.
Batsadi, a re bueng le bana ba rona ba santse ba le bannye, re ba rute
go ikgapha mo tlhakanelong dikobo e e sa sireletsegang le mo go
tseyeng ditshwetso tse di ba senyetsang isago. Se tshabeng go ba ruta
gore tlhakanelo dikobo e na le ditlamorago tse di botlhoko. A re
gagamatseng diphogwana tsa bone borre ba ba tlhakanelang dikobo
le bana ka go ba isa fa pele ga lekgotla gore ba emise mokgwa o, ka
bangwe ba bone, re a ba itse re tshela le bone.
Barutabana, bogolo jang ba thuto ya Bogakolodi le Bokaedi a re
emeng ka dinao re tiise fa re ruta baithuti ka tsa tlhakanelo dikobo
ka go lebega ba wela ka lemena ntswa thuto e fiwa. Mothusa
mogokgo le wena isa kgakololo kwa ditlhogong tsa dikolo tse
dipotlana gore le bone ba bue le baithuti ba bone ka botlhokwa jwa
go ikgapha mo tlhakanelong dikobo ka nako ya bokopano jwa
baithuti.
Mothusa-mogokgo tshwaragana le barutabana ba bogakolodi le rute
baithuti ka mosola wa thuto, fa baithuti ba kgona go fetsa sekolo bas
a ima, maduo a bone a le mantle mo sekolong sa gago, re nna motloto
re le sekolo e bile batsadi ba kgatlhegela go tlisa bana ba bone mo
sekolong se.
Baoki le lona fela jalo e bile le dira ka botsogo jwa batho thusang
baithuti ka go ba rotloetsa le go ba ruta ka go ikgapha mo
tlhakanelong dikobo. Le ba bontshe botlhokwa jwa go emela nako e e
tshwanetseng. A thuto e e fang setšhaba e fiwe le bone baithuti ka go
lebega ba tlhaela kitso ka go ikgapha mo tlhakanelong dikobo e e sa
sireletsegang.
Baithuti moremogolo go betlwa wa taola, wa motho o a ipetla, re ka
bua, ra ruta mme boikarabelo bo mo go lona gore le ikgaphe mo
tlhakanelong dikobo e e sa sireletsegang, le boloke matshelo a lona le
go ikagele isago e e eletsegang.
Bagaetsho, ke tla fetsa ka gore a rotlhe re tseye boikarabelo jwa rona
jwa go godisa tšhaba e e nang le ponelopele, e e tlaa reng ka moso re
bo re ipelafatsa ka yone. A re simololeng gompieno le ba ba seyong
fa le ba tlhagise gore ba bontshe bana gore go ikgapha mo
tlhakanelong dikobo go na le maduo a a nametsang. Baithuti tsayang
nako ya lona go dira tse di tlaa le fang isago e e tshwanetseng.
Go na le mofuta omongwe wa puiso-batho o o buang ka botlhokwa
jwa sengwe. Sengwe se e ka nna:
a. Mosola/botlhokwa jwa go tsenelela lenaneo la go lwantsha
malwetse/makoa jaaka HIV/AIDS, PMCTC (Lenaneo la
thibelo mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa loseng],
go neela botlhe ba ba tshwerweng ka morage dipilisi tsa di
ARV mahala.
b. Mosola wa go kentela batho botlhe bolwetse jwa Covid 19.
c. Mosola wa go kentela leruo(dikgomo) bolwetse jwa tlhako le
molomo.
Ditlhogo tsa puiso-batho di akaretsa dikgang tse di tlhagogang di
ama matshelo a batho jaaka (a) dibetso tsa tlholego (merwalela,
matsubutsubu a diphefo, kgotlelesego ya tikologo, melelo a naga), (b)
diji tsa maungo, (c) ditlhopho le tse dingwe.
Puiso-batho e e tshwanetse go nna le tse di latelang:
i.Setlhogo( se araba dipotso di le tlhano).
ii.Ditumediso
iii.Kopo theetso
iv. Maikaelelo
MMELE
a.Mathata le ditemotshi
b.tse di bakang mathata a(3/4 causes)
c.Ditlamorago (3)
d.Mosola/botlhokwa (3/4)
e.Ditharabololo (3/4)
BOKHUTLO
-Rotloetsa botlhe go tsaya karolo. SEKAI: Tla ka mpho e e
gaisanelwang ke metse/ dikolo, bolela mpho e e neelwang ba ba
tsenelelang lenaneo, madi/dikipara.
-Molaetsa o goroge kwa go ba ba seyong.
-Lefoko la thotloetso kwa go ba ba amiwang ke kgang e (Dirisa
seane/leele fa o le itse).
PUISANO (Dialogue)
Puisano e kwalegile jaaka motshameko (play) ka gore e na le dibui di
le pedi tse di buang ka kgang nngwe ya moruthutha. Le fa go ntse
jalo, mo puisanong ga go na moanedi (The narrator), maikutlo a
sebui a supiwa ke sebui sa bobedi.
Puisano e e kwalegileng e tshwanetse go nna le tse di latelang:
-TSHIMOLOGO
E na le ketapele/tshedimosetso. Re solofela dintlha tse:
a. Go bua bomang (dibui ka bobedi)
b. Lefelo (Ba buela fa kae mo sekoleng/ lelwapeng)
c. Ba bua ka ga eng ( kgang e fa pele ga bone)
d. Matlhakore ka bobedi (go dumalana mang, ke mang yo o sa
dumalaneng/gananang le mogopolo.
SEKAI:Go maitseboa kwa ga MmaThabo, Thabo le rangwanaagwe
ba ntse ka
fa tlase ga setlhare ba buisana ka mosola wa go ntsha magadi.
Rangwane o dumalana le mogopolo o fa Thabo ene a ganana
le one.
-PULO: Kgwetlho - se se bakileng gore go buiwe ka kgang e.
-Sebui sa ntlha a se gwetlhe sebui sa bobedi gore se bue.
SEKAI
Rangwane: Hei! Monna Thabo a o tlhatlhetse? Ya go tlhatlhela
dikgomo tsele,
kana ke tsone tse o tsogang o ntsha bogadi ka tsone. Kana
monna fa
a ntshitse bogadi o nna le seriti.
-TLHOPHO YA DINTLHA
Dintlha tsa dibui ka bobedi di tshwanetse go lekana ka palo, ela
tlhoko gore ga o tseye letlhakore:sekai, o fa o yo o dumalang le ene
dintlha/mabaka a motia, yo o sa dumalaneng le ene o bo o mo fa
dintlha/mabaka a a lolea.
Rangwane(o a dumalana) Thabo(o ganana/ ga a dumalane)
1. a fa seriti 1. Batsadi bangwe ba tsaya
magadi e le
kgwebo.
2.Ke tebogo ya go leboga boora 2. A ka baka khumanego kwa
mosetsana go bob a godisitse goora monna.
kgarebe.
3. A supa tlotlo gore o monna tia 3. A ka baka kgokgontsho ya
yo o ka kgonang go tlhokomela mosadi.
lelwapa.
-BOKHUTLO
Dibui di ka dumalana kwa bofelong, pele di dumalana a go nne
le kgannyana e e kgaupetsang puisano ya bobedi jo.
Dibui di ka se dumalane, di palelana ka mabaka, jalo a bobedi
jo bo dumalane go dira dipatlisiso bo supe le kwa bo yang go
batlisisa teng. Le bone go na le kgannyana e e kgaupetsang
puisano gore e ye kwa motsubong/bokhutlong.
DINTLHA TSA BOTLHOKWA
PUO- Kwala puisano o dirisa puo ya tlhwaafalo e bile e tsamaelana le
dibui.
- Mogolo a bue a etla a ruta ngwana puo e e nonneng ya
Setswana (diane, maele, mafoko a e leng Setswana mme re
sa a dirise thata).
- Se dirise ee kgotsa nnyaa fa sebui se dumalana kgotsa se sa
dumalane, o ka kwala o re ke a utlwa/ ke utlwile ntlha ya
gago mme…
- Se tsenye mafoko ape mo masakaneng.
DIPEGO (REPORTS)
Go bega ke fa go buiwa ditiragalo ka fa di diragetseng ka teng, di
diragalela kae, leng, di dirwa ke mang.
MEFUTA YA DIPEGO
Dipego di mefuta. Go na le:
1. Pego ya sepodise
2. Pego ya bobegadikgang
3. Pego ya botsamaisi
4. Pego ya mekgatlho
PEGO YA SEPODISE (Police report)
Pego e ke e gantsi e kwalwang ke bangongoregi fa ba etetse kwa
mapodiseng kgotsa e e kwalwang fa mapodise ba batla bosupi. O kwala
se o se boneng fela, ga o akanyetse. Se dirise mafoko ke akanya gore,
gongwe o ne a batla, ke belaela gore, o tshwanetse, o ka tswa a ne jalo
jalo.
a. Kwala setlhogo se papamatse tiragalo.
b. Kwala tse di latelang:
-Leina le sefane
-bong (gender)
-dingwaga
- o tlholega kae-o nna kae(physical address).
c. Fa o feditse ka tse di fa godimo, tlhalosa ditiragalo ka botlalo. Go
diragetse
eng, leng, kae, ke bomang ba ba amegang.
d.Kwala gore ke gone gotlhe mo ke go boneng.
SEKAI
Bosupi ka go thubiwa ga ntlo ya me
Ke nna Bonolo Lesole, mosetsana wa dingwaga tse di lesome le botlhano
wa kgotla ya Seboo mo Mmadinare. E ne e ya re ka Labone maitseboa a
kgwedi ya Moranang e le lesome ka ngwaga wa 2022 fa ke goroga kwa
lelwapeng ka fitlhela ntlo e tlhakatlhakane. Ke fitlhetse diaparo di
gasame fa fatshe fa setshwantsho sa motshikinyego le seromamowa tsone
di ne di seo. Fa ke tsena mo ntlong ya borobalo, ke ne ka tlhamalalela
kwa ke neng ke fitlhile madi teng mme ka fitlhela a seyo, bolao le jone bo
alolotswe. Ke gone gotlhe mo ke go boneng. Bonolo Lesole B.L.
10/4/2022. ________________________________
ELA TLHOKO: Pego ya sepodise ga e na ka ditemana.
PEGO YA BOBEGA DIKGANG
Ke e gantsi e tlhagelelang mo dipampiring tsa dikgang jaaka Guardian,
Daily News kana e begwa mo seromamoweng.
Setlhogo: A se nne sekhutshwane, se le maleba le kgang kana pego e bile
se ngoke mmadi maikutlo.
Temana ya ntlha: E tshwanetse go supa gore go diragetse eng, leng, kae.
Ke tshoboko ya pego yotlhe ka bokhutshwane.
Ditemana tse di latelang: Kwala pego yotlhe ka botlalo.
SEKAI
Ba tlhasetswe ke lenyora
Ka Thato Molebatsi
Banni ba motse wa Bobonong ba ngongoregile ka go tlhaelelwa ke metsi
ngwaga o o fetileng o simolola. Ba buile jalo mo phuthegong e e neng e
buisiwa ke mopalamente wa bone Rre Shaw Kgati.
Ba boletse fa ba ne ba sa le ba ikuela mo modulasetilong wa bone wa
ditlhabololo tsa motse go ya go itsese ba khansele mme ga ba ise ba bone
phetolo. Ba tshela ka metsi a a pompiwang mo sedibeng sa Kolobeng
mme jaanong se a kgala ka go se na pula. Ba re ba tsamaya sekgala se
seleele ba batla metsi, ba kopile gore ba gelwe metsi mo metsaneng ka
dikoloi gore ba imololwe morwalo wa go lala ba tsamaya masigo ka e
bile go borai. Ba ba tshelang ka go itemela bone ba boleletse fa matshelo
a bone a eme e bile ba bolawa ke tlala ka lebaka la letlhoko la metsi.
Barutabana le baoki ga ba kgone go dira tiro sentle ka letlhoko la metsi le
lentsi.
Mokhanselara wa bone Rre Modise o solofeditse fa a tlaa kgaratlhela
seemo gore se nne botoka mme o ba kopile go somarela thothi.
ELA TLHOKO: -Mmegi o intsha mo teng, o fa pego ya tse di
diragetseng, tse a di utlwileng, ka jalo gantsi fa a bega a re “Go bolelwa,
Go tlhalosiwa jaana” jalo jalo.
-O gololesegile go latlhela puo e e bofitlha fale le fale.
- E na le ditemana.
PEGO YA BOTSAMAISI
Ke pego e badiri ba begang seemo sa tiro kgotsa baithuti ba begela
boeteledipele ka ditiragalo tse di diragetseng mo sekolong.
SEKAI
Go leswafatsa matlwana a boithomelo a bomme ga ga Tebogo Mokobi le
Thuso Morebodi
Ke nna Kefilwe Moloi, mosetsana wa dingwaga tse di masome a mabedi
le bongwe wa 5C. E ne ya re ka kgwedi ya Motsheganong e le
boferabongwe ka ngwaga wa 2022 go le Mosupologo ka nako ya dijo tsa
maitseboa ka fitlhela Tebogo Mokobi le Thuso Morebodi ba mophato wa
botlhano ba kwala lebotana la matlwana a boithomelo a bomme. Ke ne ka
bitsa moeteledipele wa baithuti ba basetsana, Masego Kgosi go tla go
bona tiragalo e, o ne a ba botsa gore ke eng ba dira jalo mme ba tlhoka
dikarabo. Morago o ne a nthoma go ya go itsese barutabana ba ba neng ba
le mo tirong ka nako eo mme ba ne batla go itseela bosupi. Ba ne ba re
laela go ba bona maphakela a letsatsi le le latelang. Ke gone gotlhe mo ke
go boneng. Kefilwe Moloi 13/5/2022.
ELA TLHOKO: Ga e na ditemana jaaka ya sepodise.
PAMPIRI YA BOBEDI (Paper 2)
NAKO: (1H 50 MINS) MATSHWAO: 60
KAROLO YA NTLHA (1HR)
Dipotso tsa teko tlhaloganyo
1. Bolela kgangkgolo ya palo e.
Potso e e batla o bua ka bokhutshwane moono mogolo wa kgang e e
senolwang mo palong ka go e kwala ka mafoko a gago, o sa kopolole
jaaka gontse mo palong. O araba potso ke eng se go buiwang ka ga
sone/a reng ka sone? Karabo ya dipotso tse o aga mogopolo wa gago
ka tsone.
Kgangkgolo e e agegileng e na le:
a) Sediri le sedirwa.
b) Fa e le ditlamorago, a e bue ka ditlamorago tse dintle
(advantages) le tse di bosula (disadvantages).
c) Fa e bua ka mathata (problems) a e supe le ditharabololo
(solutions).
2. Tlhalosa dielana tse jaaka di dirisitswe mo palong. (Contextual
meaning)
Potso e e tlhoka gore o tlhalose puo e e bofitlha e edirisitsweng ke
mokwadi jaaka a e dirisitse gore re tlhaloganye se se buiwang. Ga o a
tshwanela go dirisa puo e e batlang tlhaloso/bofitlha gape fa o
tlhalosa. Potso e tswelela e re o tlhalose ka fa e dirisitsweng ka teng,
e raya gore tlhaloso e o e fang e tswe mo mafokong a mokwadi e seng
gore seane/puo eo e raya eng fela.
3. Inola seele sa tlhogo mo temaneng ya (go bolelwa temana).
Ke seele se se rweleng moono mogolo wa temana/se se tsereng se tota
go remeletsweng mo go sone kana se go buiwang ka ga sone. O se
inola jaaka se ntse; ga se okediwe, ga se fokodiwe.
4 a) A mokwadi wa palo e o bua kgang ya gagwe ka tekatekano, a sa
gobelele?
Potso e e batla o supa gore a mokwadi o tsaya letlhakore lengwe. Go
tsaya letlhakore go tewa gore a o sokametse mo letlhakoreng lengwe,
ke gore a dumalana le lone. Letlhakore le mokwadi a le buelelang o
ya go le bona a le buelela thata go na le le lengwe. Fa a bua ka
tekatekano ke fa a bua ka dilo ka go lekana, a supa
bontle(advantages) le bomaswe/bosula(disadvantages) jwa se a buang
ka ga sone, o ama matlhakore a kgang otlhe.
b. Ke eng o rialo?
O ntsha lebaka go ya ka karabo e o e fileng gore ke eng o rialo.
5. Sekaseka seele se se fa tlase o bo o inola tse di latelang:
SEELE: Kgang e, ke e ba Ipabalelo Tseleng ba e opelang letsatsi le
letsatsi.
Potso e, e batla o kgaoganya seele ka dikarolo tsa puo tse di
dirisitsweng go se aga/o a se lokolola.
a. Sediri- ba Ipabalelo Tseleng
b. Tiri - ba e opellang
c. Tlhalosi -letsatsi le letsatsi
SEELE: Jaanong botsala bo bo bo simologa gone foo.
Tiri - bo simologa
Lesupi - foo
Leina - botsala
6. Mokwadi o dirisitse eng (mokgwa, mafoko/ditsela) go gogela
babadi/mmadi gore a dumalane le kgang ya gagwe? Inola /mafoko/
dielana tse mokwadi a di dirisitseng go gogela mmadi gore a
dumalane le ene (Pursuasive Technique).
Potso e, e batla o senola mokgwa/mafoko/ditsela tse mokwadi a
gogelang mmadi go dumalana le se a se buang. Ditsela tse di
akaretsa: dipotso tse di sa tlhokeng dikarabo, go tlhalosa thata/ mo
go feteletseng/pheteletso, mafoko a
kutlwelobotlhoko kgotsa mafoko a kgalemo le go fa dikai tse dintsi.
7. Bolela bokao jwa dielana tse di latelang/ Bolela bokao jwa dikarolo
tsa
puo tse di ntshofaditsweng (go bolelwa temana eo).
Potso e e batla o bolela gore karolo ya puo e dirisitswe go kaya eng.
Ke eng se se fitlhegileng se mokwadi a se raying ka karolo eo. Bokao
bo ntshiwa ka lefoko e seng tlhaloso e e feteletseng.
DIKAI: Sematla ke wena!>kgalefo
Mapodise kwa motseng oo ba ja mokaragana>boitumelo
“O re nkgetsa bojwalwa monna!”>tenego/kgalefo
Ngwana yo o borethe tlhe!> kgatelelo
Mosadsi wa lekgoa! Le fa go ntse jalo, a bona go tshwanela
gore a
ikopanye le nkukuagwe>pharologanyo ya megopolo
8. Ntsha mafoko a tomagano a le mabedi go tswa mo temaneng ya (go
bolelwa temana eo)/Inola mafoko a tomagano mo temaneng.
Temana e e batla o ntsha mafoko a a lomaganyang dintlha mop
along. Mafoko a ke a a lomaganyang kgang e e builweng pele le e e
buiwang go itsa go boeletsa karolo e le nngwefela ya puo. A mafoko
a tomagano a se ka a go tsietsa, o bo o bua ka matshwao a mokwalo.
Dikarolo tsa puo tse di farologaneng di ka dirisiwa go tllisa
tomagano.
SEKAI: Mokanyane le Jane ba ne ba ratana tota. Fa dibeke di ntse
di tlhatlologana ba simolola go bonwa mmogo. Fa ngwaga o ya go
fela bobedi jo e bo e ele monwana le lenala. Fa ba le mmogo go
lemotshega fa boitumelo e le jo bogolo. Kgarejwana e, e ne e le
mothomosweu. Mogoma o ne a utlwana le motho wa gagwe.
Mafoko a a tlisang tomagano>bobedi jo, kgarejwana e, mogoma,
motho wa gagwe.
9. a) Maikaelelo a mokwadi wa palo e ke afe?
Potso e, e batla gore o lebelele gore ka molaetsa o mokwadi a re o
fang o leka gore kaela eng. Ka one mokwadi o ka re:
i. tlhagisa/tsibosa ( fa a bua bosula (disadvantages) ka se a buang ka
ga sone).
ii.rotloetsa/kgothatsa (fa e le bontle (advantages) tsa se a buang ka ga
sone).
b. Ntsha lebaka la karabo ya gago.
O ntsha lebaka le le netefatsang karabo ya gago.
10. Tsenya lekopanyi le le tshwanetseng go lomaganya diele tse di
latelang/tsenya makopanyi a a tshwanetseng go lomaganya seele se
se fa
tlase.
Potso e, e batla o tsenya makopanyi a o bonang a ka lomaganya seele
sentle.
Selo se sengwe se bakgweetsi ba santseng ba se ikgatholosa ke tiriso
ya lebante.____ Ba a ne ba sale ba kgaogane le lone fela fa ba tswa
kwa botlhatlhobelong jwa go kgweetsa.
Lekopanyi le le tshwanetseng ke: ka
Selo se sengwe se bakgweetsi ba santseng ba se ikgatholosa ke tiriso
ya lebante ka ba a ne ba sale ba kgaogane le lone fela fa ba tswa kwa
botlhatlhobelong jwa go kgweetsa.
11. Ke eng kolobe e tlhabiwa ka thipa ka fa tlase ga leoto la molema?
Potso e, e batla o tlhalogantse se se buiwang mo palong ka e batla
kitso ya gago.
12. Bolela ntlhakgolo ya temana (go bolelwa temana).
Potsoe, e batla o bolela moono mogolo wa temana eo. Ke eng se
temana e remeletseng mo go sone, go solofelwa gore o dirise mafoko a
gago go e kwala, ga o manolole mafoko a mokwadi. Fa o aga
ntlhakgolo ipotse gore mokwadi o bua ka eng? A reng ka se a se
buang ka sone? Go tswa foo o lomaganya dikarabo tseo go aga
mogopolo o o buiwang mo temaneng.
13. a) Inola seele se se sa tsamaelaneng le se go buiwang ka sone mo
temaneng ya bone.
Potso e, e batla gore o inole/ o ntshe seele/ mogopolo o o sa
tsamaelaneng le se se buiwang mo temaneng.
b) Tlhalosa gore ke eng o re ga se tsamaelane.
O ntsha tlhaloso ka botlalo go supa gore seele/mogopolo oo ga o
tsamaelane.
14. Bolela gore dikarolo tsa puo tse di ntshofaditsweng/
kgwaretsweng di dirisitswe jang mo dieleng.
Potso e, e batla gore o supe tiriso ya dikaralo tsa puo e seng leina la
karolo ya puo.
KAROLO YA PUO TIRISO
Maina Sediri/Sedirwa
Maemedi Sediri/Sedirwa
Makopanyi Go kopanya
Matlhalosi Go tlhalosa
Ditlhaodi Go tlhaola
Maetsisi Go etsa
Matsibosi Go tsibosa
Masupi Go supa
Tiri Go bolela tiro/tiri
15. a) O bona babadi ba ka tsaya kgato/tshwetso efe morago ga go
bala palo e.
Potso e, e batla dikarolo tse di supang fa palo e thusitse babadi go
tsaya dikgato tse di maleba. Ke gore ba ithutile eng sengwe se se
mosola. A kgato eo e nne ya tshiamo (positive action) go ya ka se se
builweng mo palong. Ga e batle dikarabo tse di sa supeng go rutega
kana go fetoga ga boitshwaro bo nna bontle.
b. Tlhalosa gore ke eng o rialo.
O ntsha lebaka go netefatsa karabo ya gago, re bone tota gore ba
ithutile sengwe se se maleba. O ntsha lebaka le le rurifatsang tota
gore b abo bat sere tshwetso ya tshiamo.
16. a) Bolela gore a puo e mokwadi a e diritseng mo palong e e
siametse/tshwanetse babadi.
Potso e, e batla o supa gore puo e e dirisitsweng ke e e amogelegang/ e
e letlelesegang, e e ka buwang mo bathong.
b) Tlhalosa gore ke eng o rialo.
O ntsha lebaka go netefatsa karabo ya gago go ya ka karabo e o e
fetileng: Fa karabo e le gore puo e tshwanetse o netefatsa ka gore ga
go a dirisiwa mafoko a a fatlhang /a a kgoberang maikutlo a babadi.
Fa e le e e sa tshwanelang lebaka e nna gore o dirisitse mafoko a a
fatlhang /a a kgoberang maikutlo a babadi/puo e na le matlhapa.
17. Ke eng se mokwadi a se buang a sa se papamatse mo temaneng ya
botlhano (Temana 5)?
Potso e, e batla o senola kgang kgang e e buiwa ke mokwadi e
thamaletse e sa fitlhega gore re lemoge se a se buang ka mafoko a
gagwe a a fitlhegileng. Ke mafoko a a kgoberang maikutlo a ba go
buiwang ka bone ka gantsi e a bo e le a a sotlang kgotsa a a
thapaolang. Fa o e araba o tshwanelwa ke go a bua jaaka a ntse o sa
fitlhe sepe kgotsa o sa dikologe.
SEKAI: Baithuti ba sekolo se segolwane sa Gaborone ba kile b abo
ba fenya ditlhatlhobo tsa bone. Se se buiwang se sa papamala mo
seeleng se ke gore, “Baithuti ba sekolo se segolwane maduo a bone a
wetse kwa tlase.”
18. A o bona go na le fa mokwadi a ikganetsang teng?
Potso e, e batla o supa gore a go na le fa mokwadi a fetogelang kgang
e a ntseng a bua ka yone ka go tlisa mogopolo o o sutlhang wa ntlha a
o bua/ o sa tsamaelane go supa fa a latola bokao jwa se a neng a se
buile.
b. Tlhalosa gore ke o rialo?
O ntsha lebaka le le go gogelang gore o re o a ikganetsa ka go mtlisa
se se builweng pele le kgang e a e buang mme o re tlhalosetsa gore re
bone go ikganetsa moo.
19. Bolela molaetsa wa palo e/ Ke eng se o se ithutileng mo palong e?
Potso e, e batla o bolela se o se ithutleng mo palong yotlhe. Molaetsa
o, o o kwala ka mafoko a gago.
KAROLO YA BOBEDI (3O MINUTES)
TSHOBOKO-Summary
Go soboka ke mokgwa kgotsa tsela ya go ngotla palo go e
khutshwafatsa. Go a bo go tlhaolwa mase mo morokong go tlogelwa
mo go go sa tlhokafaleng. Ela tlhoko gore o dira tse di latelang fa o
soboka:
Dirisa mafoko a gago o ntshe dintlha tsa botlhokwa go tswa mo
temaneng nngwe le nngwe ya palo e o e filweng.
Ntlhakgolo e nna mogopolo o o feleletseng ka se se buiwang mo
temaneng eo, e seng setlhogo.
Temana ya gago ya tshoboko e nne le ntlhakgolo e e
tlalelediwang ka dintlhana.
Mo tshobokong ga go dirisiwe dikai, o batla lefoko le le
akaretsang se se balolotsweng mo dikaing tseo.
Tshoboko ke temana ka dinako tsotlhe.
Fa go buiwa ka motho a le mongwefele selo se le sengwefela,
o/se emela bontsi.
DIKAI:
Mosimane ke basimane.
Monna ke banna.
Mosetsana ke basetsana.
Mme ke bomme.
Lefatshe ke mafatshe.
Neo wa Mokgatla ke Bakgatla.
Morafe ke Batswana.
KAROLO YA BORARO (20 MINUTES)
Fa o ranola o a bo o fetolela puo e nngwe kwa go e nngwe.
Ela tlhoko tse di latelang:
Se ranole lefoko ka lefoko (direct translation) se se ka latlha
bokao jwa se se ranolwang. SEKAI: E ne e se ntwa e ne e le
tlang le bone (It was not a fight, it was come and see).
Fa o ranola se itsenyetse sepe se se sa tlhagelelang mo go se o se
ranolang.
Diane ga di ranolwe, di ka latlhegelwa ke bokao. Go ranolwa
tlhaloso ya tsone kana go dirisiwa tse di tsamaelanang natso mo
puong e nngwe fa di le teng/ o di tse.
SEKAI: Mosadi tshwene o jewa mabogo (woman baboon is eaten
hands).
Maina a batho le a mafelo, dipalo tse ditona le dingwaga (2022)
ga di ranolwe.
Pharologanyo ya dingwao e botlhokwa fa re ranola ka dipuo di
farologana.
SEKAI: Mo Setswaneng ga re bitse mogolo ka leina fela re a
re,
Mme kgotsa Rre o bo o tsenya leina mme mo Sekgoeng ga go
molato
go bitsa mogolo ka leina.
Senola paka e e supilweng mo palong ya Sekgoa.
Ela tlhoko mafoko a a mo bongweng le bontsi.
PAMPIRI YA BORARO (Paper 3) MATSHWAO: 65
NAKO: 2HRS 30 MINS
KAROLO YA NTLHA NAKO (40 MINS) MATSHWAO: 25
Dipotso di botswa go tswa mo pading/motshamekong/khutsweng e
moithuti a e badileng a bo a e sekaseka le morutabana.
-obj: THULAGANYO YA DITIRAGALO TSA BOTLHOKWA
Dipotso tse di bodiwang mo thulaganyong ke tse di latelang:
#Latedisa ditiragalo tsa padi o itebagantse le kgwetlho, kgotlhang,
setlhoa,
mafologelo le phelelo.
#Latedisa ditiragalo tsa padi o itebagantse le se se di gwetlhileng,
kgotlhang, setlhoa, mafologelo le phelelo.
#Rulaganya ditiragalo tsa padi/motshameko/khutswe o itebagantse
le
tshimologo ya marara (kgwetlho), tswelediso ya marara
(kgotlhang) le
phelelo ya one (setlhoa), o bo o supe mokgolosa(mafologelo) le
phelelo.
#Supa ka fa ditiragalo tsa padi/motshameko/khutswe e di
tlhatlologanang
ka teng o itebagantse le marara a a nnileng teng (kgotlhang), se se
a
bakileng (kgwetlho) le tharabololo ya one (setlhoa).
ELA TLHOKO:
-Dipotso tse ke tsa thulaganyo ka jalo o tshwanetse go rulaganya
ditiragalo ka dinako tsotlhe go sa kgathalesege gore potso e di beile
jang.
-Simolola ka kgwetlho ka dinako tsotlhe.
-Fa o sekaseka kgotlhang, o tshwanetse go supa se moanelwa
mogolo/motshameki mogolo a se dirang (action) tikologo, tikologo
e dira eng (reaction) go ikarabela, go supege gore moanelwa o
gotlhana le tikologo.
- Se lebale go dirisa mafoko a a botlhokwa a potso mo karabong ya
gago. One ke (Technical Terms)
- Kgwetlho
-Kgotlhang
-Setlhoa
-Mafologelo
-Phelelo
-Ela tlhoko gore potso e batla o kwala eng.
SEKAI —Fa potso e sa batle gore o kwale setlhoa, ga o a
tshwanela
go se kwala.
- Ka dinako tsotlhe dirisa (Technical Terms) tse o di
filweng
mo potsong.
-obj: TSALANO
Dipotso tse di ka botswang ka tsalano ke tse di latelang:
#Supa ka fa ditiragalo tsa padi/motshameko/khutswe e di
tsamaelanang ka teng.
#Supa ka fa ditiragalo di gwetlhanang ka teng mo
pading/motshamekong /khutsweng e.
#Supa ka fa ditiragalo di bakanang ka teng.
ELA TLHOKO:
-Fa o kwala tsalano o tshwanetse wa simolola ka
tiragalokgolo/kgwetlho.
-Mogopolo/Ntlha ya botlhokwa e o buang ka yone mo tiragalong e
e fa godimo o/e tshwanetse go simolola e e fa tlase go supa fa di
tsalana.
-Dirisa mafoko a go tsalanya (key words):
- baka gore
-dira gore
-tsala gore
-gwetlha gore
-rotloetsa gore
-Dintlha tsa tsalano di tshwanetse go rulagana e bile e le tsa
botlhokwa fela.
-obj: MOLAETSA (thuto/ thitokgang)
Dipotso tse di ka bodiwang ka molaetsa ke tse di latelang:
#O ithutile eng morago ga go bala padi/motshameko/khutswe e?
#Bolela se o se amuleng morago ga go bala
padi/motshameko/khutswe o.
#Fa o lebile molaetsa wa padi/motshameko/khutswe e ke ofe?
ELA TLHOKO
-Ntsha molaetsa o le mongwefela (1) o itebagantse le padi ya gago.
-Molaetsa o senolwa ke moanelwa mogolo.
-Molaetsa e ka nna:
Seele se sekhutshwane kgotsa seane.
-Fa molaetsa e le seane se tlhalose, o dirisa tlhaloso e fa o tlhalosa
molaetsa.
-Fa o kwala molaetsa, o se o tlogele gope, tla le one go fitlha kwa
bofelong.
-Temana nngwe le nngwe e nne le (key word) e o e tsayang mo
tlhalosong ya seane sa gago.
SEKAI SA MOLAETSA FA E LE SEELE
Ditiro tse di maswe di tsenya mo mathateng.
Ditiro tse di maswe (tse di Mathata a(moanelwa mogolo /
dirwang ke moanelwa motshameki mogolo) a tsenang
mogolo/motshameki mogolo) mo go one
1. 1.
2. 2.
3. 3.
4.
Dirisa mafoko a a latelang (key words):
Ditiro tse di maswe:
-o dira tiro e e maswe fa a
-o a leofa
-dira bosula fa a
Ke eng fa e le tiro e e maswe?
Mathata
- (Seele sa pulo) Ka ntlha ya ditiro tsotlhe tse di maswe tse
(moanelwa
mogolo) a di dirang, o felela a tsena mo mathateng. O tsena mo
mathateng…
- O tswelela a tsena mo mathateng…
-Mathata a gagwe a golela pele fa a…
-Mathata a matona a a tsenang mo go one ke…
Ke eng fa e le mathata?
-obj: SEABE SA MOANELWA/MOTSHAMEKI
Dipotso tse di ka botswang ka seabe ke tse di latelang:
#Supa/Sekaseka seabe sa ga moanelwa/motshameki mo
tsweledisong ya ditiragalo.
#Supa ka fa moanelwa/motshameki a rotloeditseng ka teng
ditiragalo.
- O tshwanetse go bolela tse di diragetseng ka ntlha ya
moanelwa/motshameki kgotsa lebaka la gagwe o bo o supe ka fa
moanelwa/motshameki a rotloeditseng tiragalo ya go nna jalo ka
teng.
-Go na le mafoko a botlhokwa (key words) fa o araba potso e, one
ke a a latelang:-e le fa go gatileng
-o na le seabe
-go mo maruding
-ke ka lebaka la gagwe
-ke ka ntlha ya gagwe
- o gwetlhile
- o bakile
-O gwetlhile
Moithuti a lemoge gore ntlha nngwe le nngwe mo temaneng e
tshwanetse go nna le key word e bile a tshameke ka key words, ke
gore a leke go di dirisa a di fapaanya e seng a dirisa e le nngwefela
fela.
-obj: MAIKUTLO A MOKWADI
Potso e e ka bodiwang ka maikutlo ke e e latelang:
#Maikutlo a mokwadi ke afe ka…mo
pading/motshamekong/khutsweng
ya?
-Moithuti o tshwanetse go bolela maikutlo a mokwadi kwa
tshimologong.
-Fa moanelwa a dira ditiro tse di sa amogeleseng, itse gore
mokwadi o a kgala, o kgatlhanong, ga a rate (key words).
--Fa ditiro di amogelesega itse gore mokwadi o a rotloetsa, o a
rata (key words).
ELA TLHOKO: O ka lemoga maikutlo ka tiriso ya ditsela tse di
latelang:
-Teo leina
-Setlhogo sa padi/ motshameko/khutswe
-Tiriso ya puo
-Kotlhao/Katlego
-Kobiso ya ditiragalo
-Tshenolo ya botho jwa moanelwa
-Phelelo
-Temana nngwe le nngwe e tshwanetse go simolola ka maikutlo a
mokwadi.
-O se ka wa re mokwadi o kgala semangmang, e re o mokwadi o
kgala botho (bo bolele) jwa ga semangmang.
MATSENO
RULE: kgala/rotloetsa+botho+moanelwa yoodirisitsweng+nankola
ditsela tse a di dirisang.
MMELE
-Tsela e le nngwe e aga temana. Fa o na le ditsela di le nne go raya
gore o ya go nna le ditemana di le nne (4).
obj: PHETOGO YA BOTHO
Dipotso tse di ka botswang ka phetogo ya botho ke tse di
latelang:
#A mokwadi o kgonne go supa phetogo ya botho jwa moanelwa/
motshameki?
ELA TLHOKO:
-Fa o araba potso e ela tlhoko gore, o sekaseka mokwadi e seng
moanelwa.
-Fa o araba potso e o tshwanetse wa simolola ka go supa fa
mokwadi a kgonne kgotsa a sa kgona go supa phetogo ya botho
fela kwa matsenong.
-Sekaseka botho jo o bo bolele ka botlalo o tlaleletsa ka mabaka go
tswa mo pading/motshamekong/khutsweng.
-Fa botho bo fetogang teng o go supe ka go dirisa key word
SEKAI botho bo simolola go fetoga morago ga tiragalo e. O
simolola go nna motho yo o ntseng jaana.
# A mokwadi o kgonne go supa kwelotlase, itharabologelo le
kgolo ya botho jwa moanelwa?
-Simolola fela ka go supa gore o kgonne kgotsa nnyaa.
Kwelotlase-Moanelwa fa a na le yone go tewa a simolotse a dira
ditiro tse di amogelesegang. Botho jwa gagwe bo kgatlhisa bo bo bo
wela tlase a simolola go dira ditiro tse di sa amogelesegeng/ bosula.
SEKAI: Ditshotlego
Itharabologelo-Ke fa moanelwa/motshameki yo o neng a na le
botho jo bo sa eletsegeng a simolola go lemoga gore tse a ntseng a
di dira ga di a siama. Moanelwa/Motshameki wa go nna jalo o
simolola go bona dilo ka tsela e a neng a sa di bone ka yone. O nna
le go ikotlhaela tse a di dirileng. O nna le segakolodi se a ntseng a
se na sone.
Kgolo ya botho- Moanelwa/Motshameki jaanong o a fetoga o dira
tse di eletsegang tse a neng a sa di dire.
Fa moithuti a kwala ka kwelotlase a se lebale go supa botho jo bo
eletsegang pele go nna le kwelotlase gore kwelotlase e tle e senoge
sentle.
Obj: IPEE MO SEEMONG
Potso e e ka bodiwang ka ipee mo seemong ke e e latelang:
# Ipee mo seemong sa moanelwa/motshameki o bue se a neng a ka
se bua.
-Potso e, e batla o rwala ditlhako tsa moanelwa/motshameki.
-O kwale o le motho wa ntlha mo bongweng. SEKAI Ke Le
semangmang
-Le fa potso e sa re o bue maitemogelo a gago, o tshwanetse go
gakologelwa go a kwala ka dinako tsotlhe.
-Ela tlhokogore potso e batla o kwala nako efe. SEKAI: E ka nna o
le mo mathateng a go tsena mo kgolegelong. O tshwanetse wa
akanya gore motho yo o mo seemong seo o a bo a ikutlwa jang.
-Se lebale go sekaseka botho jwa gagwe.
Obj: PAKA LE LEFELO
Dipotso tse di ka botswang ka paka le lefelo ke tse di latelang:
#Supa ka fa ditiro le dikakanyo tsa baanelwa/batshameki di
nyalanang ka teng le paka le lefelo.
- O gololesegile go tlhopha baanelwa/batshameki ba ba
farologanyeng ba
o ba batlang.
#Supa ka fa dirito le dikakanyo tsa moanelwa/motshameki di
nyalanang/tsamaelanang ka teng le paka le lefelo.
-O patelesega go kwala ka moanelwa yo o mo tlhophileng fela.
#Supa ka fa dirito le dikakanyo tsa moanelwa/motshameki di
nyalanang/tsamaelanang ka teng le paka.
- O bua ka paka fela o sa ame lefelo.
ELA TLHOKO:
-Fa o araba potso e o tshwanetse go itse lefelo le paka mo pading/
motshamekong/ khutsweng ya gago o bo o e bolela kwa
tshimologong ya temana.
- Bua pele ka paka, morago o bo o bua ka lefelo gore karabo e
tlhaloganyesege sentle.
-Tlhopha ditiragalo tse di senogileng di tlhotlhelediwa ke paka e
bile di
sa gakgamatse mmadi gore di direge. Fela jalo tlhopha tse di
tsamaelanang le lefelo.
- Ntlha nngwe le nngwe e aga temana o sa lebale go dirisa key
terms tse
di fa tlase, le bosupi go tswa mo pading.
-Go na le mafoko a a dirisiwang (key terms) go araba potso e.
One ke a
a latelang:
ga go gakgamatse
ga go rone
ga go thona
go matshwanedi
go a tshwanela
go lebanye
Go maleba
Bosupi ga bo boelediwe, o bo dirisa mo ntlheng e le nngwefela fela.
TSHEKATSHEKO YA MOTSHAMEKO WA MOTSWASELE II
DIPOTSO
1. Supa ka botlalo thulaganyo ya ditiragalo o itebagantse le
kgwetlho, kgotlhang, setlhoa, mafologelo le phelelo ya
ditiragalo.
Ditiragalo tsa motshameko wa Motswasele II di gwetlhilwe ke go reetsa
dikgakololo tse di bosula ga ga Motswasele tsa batlhanka ba e seng bone
e bong Diratsagae, Leapeetswe le Molotlhanyi ba ba mo rotloetsang go
busa ka tsela e e seng yone ya go kgokgontsha morafe wa Bakwena. O
gana go reetsa bo Moruakgomo ba ba neng ba re a buse sentle. Se se
tsala kgotlhang ya motho le tikologo, e bong Motswasele le tikologo ya
gagwe. Kgotlhang e e maleba ka gore Motswasele ke ene a lwantshang
morafe wa gagwe wa Bakwena.
Kgotlhang e e tswelela fa bana ba ga Ramodi ba tlhaselwa ke barongwa
morago ga gore Motswasele a ntshe taolo ya gore ba bolawe. Go supa fa
tikologo e sa amogele se, bana ba ga Ramodi ga ba a ka ba bolawa ka
barongwa ba ile ba tshuba matlo a bone fela. Tsholofelo ke gore
Motswasele a sireletse a bo a dirisane le bana ba ga Ramodi ka e le ba
gagabo, ba bogosi.
Kgosi Motswasele o tswelela a gotlhana le tikologo fa a rebola barongwa
gore ba ye go gapela Mogatsa Moilwe dikgomo, a bo a laola gore fa a
gana ka tsone a bolawe. Barongwa ba diragatsa thomo e mme Mogatsa
Moilwe a felela a bolailwe. Go netefatsa fa tikologo e ne e sa amogele
tiragalo e, morongwa wa ntlha wa kgosi o ne a tshabela kwa ga
Moruakgomo a re a tsibogele kgang e, ka tsholofelo ya morafe mo
kgosing ke gore e ba tlamele e seng go ba humanegisa jaaka Motswasele
a ne a dira.
Motswasele o tswelela a dira ditiro tse tikologo e sa di amogeleng fa a
dira maiteko a go bolaya Moruakgomo a se na molato ope. Barongwa ba
ikgatholosa taelo e ya go bolaya Moruakgomo go supa fa e sa
amogelesege.
Kgotlhang e tswelela fa Motswasele a dira maiteko a gore Moruakgomo
le Sejo ba betswe ba se na molato, se ga se a ka sa diragala ka go ne ga
nna tlhakatlhakano fa Sejo a sia morafe o bo o mo alola mme
Moruakgomo le ene a bo a falola. Se ka bosone ga se tiragalo e e
solofetsweng go tswa mo go kgosi, ka tshwanelo kgosi e otlhaya
badiramolato e seng go bopela batho kgomo ya mmopa ba sa senya sepe
go bo go twe ba kgwathisiwe.
Polao ya ga Maleke le yone e tsweledisa kgotlhang ka kgosi o laotse
Diratsagae gore a dirise ntša ya gagwe e khunou, e e berekilweng ke
ngaka ya setso go mmolaya. Go supa fa tiro e e sa amogelesege ba direla
mo sephiring mme Diratsagae o felela a bongwe ke Moruakgomo le
Segokotlo. Tsholofelo ke gore Motswasele ka e le kgosi a dirise
maitemogelo a ga Maleke go tlhabolola puso ya gagwe e seng go
mmolaya.
Potso e re tlang re e ipotsa ke gore Motswasele o ya go felela kae ka
ditiro tsa gagwe tse di maswe tse a di dirang morafe. E arabesega fa
Motswasele a bolawa ke Moruakgomo kwa tlhabanong ke gone fa setlhoa
se senogang teng fa.
Ditiragalo tsa motshameko o di felela fa setlhoeng ka jalo ga go na
mafologelo le phelelo. Setlhoa ke sone bokhutlo jwa ditiragalo.
[Loso, go lwala tlhaloganyo, bogole jwa motshameki mogolo ke dilo
dingwe tse di ka dirang gore go se nne le mafologelo kgotsa phelelo]
2. Tsalano ya ditiragalo
Tiragalokgolo ke fa Molotlhanyi a raya Moruakgomo a re bogosi bo mo
tshwanetse morago o raya Mmotswasele a re Moruakgomo o batla go mo
tseela bogosi e le go ba lotlhanya.
Totlhanyo e e baka tšhakgalo mo go Motswasele, bogolo jang a
šakgalela ba ntlo ya bogosi mo e reng le Sejo a mo gakolola a bo a sa
reetse kgakololo ya ga Sejo le Moruakgomo fa ba mo gakolola gore a
buse morafe sentle.
Tšhakgalo e dira gore go nne le tlhaselo ya bana ba ga Ramodi le
Mogatsa Moilwe. Bana ba ga Ramodi ba tshubelwa matlo fa mogatsa
Moilwe a thukuthiwa dikgomo a bo a bolawa.
Tlhaselo e e tsala ngongorego mo morafeng bogolo thata ba bogosi ka
jalo ba tlhama mephato ya ntwa go lwela kgololesego ya bone.
Moruakgomo o dirisa dikgakololo tsa gore a eme ka dinao go golola
Bakwena.
Go tlhomiwa ga mephato go tsala gore Motswasele e re a utlwa kgang e a
bo a roma Diratsagae gore a ye go bolaya Maleke ka ntša e e berekilweng
ke ngaka. Thomo e ne ya diragadiwa ka jalo Maleke o a bolawa.
Polao ya ga Maleke e dira gore mephato ya ga Moruakgomo e bolotse
ntwa morago ga gore Motswasele a gane kopo ya bone ya go busa ka
kagiso.
Ntwa e e gwetlha loso lwa ga Motswasele ka o a fenngwa, a bo a bolawa
ke Moruakgomo mo ntweng.
3. Tlhalosa ka botlalo thuto/molaetsa o o senolwang ke ditiragalo
tsa
motshameko.
Molaetsa wa motshameko wa Motswasele II ke gore ditiro tse di maswe
di tsenya mo mathateng. Molaetsa o re o senolelwa ke motshameki
mogolo e bong Motswasele. Molaetsa o o maleba ka gore Motswasele ke
ene a dirang ditiro tse di bosula tse di felelang di mo tsentse mo
mathateng.
Motswasele o dira bosula fa a patika batho a ba pateletsa melato e ba sa
e dirang jaaka fa a ne a pateletsa Moruakgomo le Sejo. Ke bosula ka o
tsuolola ditshwanelo tsa batho le go ba utlwisa botlhoko ba se na molato.
O tswelela a dira bosula fa a bolaya batho ba ba se nang bosula le ene;
mogatsa Moilwe, Maleke le ba bangwe ba go tweng maboko a bone a ne
a tletse mo dikgoreng. O bolaile Mogatsa Moilwe ka go laela barongwa
gore ba mo gapele dikgomo mme fa a gana ba mmolaye. Maleke ene,
kgosi Motswasele o ne a laela Diratsagae gore a mmolaye ka ntša ya
gagwe e khunou e e neng e berekilwe ka ditlhare. Ke tiragalo e e maswe
ka gore o gataka ditshwanelo tsa bone le go utlwisa ba masika a bone
botlhoko jwa ntho le go ba tshedisetsa mo letshogong.
O dira bomaswe fa a tseela batho ditsabone jaaka dikgomo tsa ga
Mogatsa Moilwe, o tsaya le basadi ba batho ba e bileng a sa ba tlotle; a
ikgotsofatsa fela a bo a ba koba a re ke diaka le baloi. Tiragalo e ke
tiragalo e e maswe ka e supa fa a sa tlotle batho gape a ba tlontlolola.
O tswelela a dira tiro e e maswe fa a ikgatholosa ba bogosi e bong
Moruakgomo le Sejo fa ba re ba mo fa dikgakololo tse di molemo a bo a
ineelela malope e leng Molotlhanyi, Diratsagae le Leapeetswe ba ba mo
gakololang go dira bosula. Ke tiro e e maswe ka o diga seriti sa bogosi, o
letlelela boesengmang go ipagololela mogodu mo bogosing.
O a leofa fa a ikgantshetsa morafe a bua fa e le ene a laolang sengwe le
sengwe le mmu tota. Tiragalo e e bosula ka o gataka batho, ga a ba bone
ka sepe, o ba tseela kwa tlase.
O tsweledisa ditiro tsa gagwe tse di maswe fa a gana mafoko a kagiso a
ba lekoko la ga Moruakgomo mme o tlhopha go ya ntweng. Tiragalo e e
maswe ka o tsaya ditshwetso tse di yang go ama morafe mme a sa ba
rerise.
Ditiro tsotlhe tse di bosula tse Motswasele a neng a di dira di felela di
mo tsentse mo mathateng. O tsena mo mathateng fa a wa seriti a bo a
ilwa ke morafe. Tiragalo e ke mathata ka morafe ga o mmeye sebete, ga o
mmone e le kgosi ya bone, ba bona mmolai le mokgokgontshi yo o sa
tshwanelweng ke tlotlo ya bone.
O tsena mo mathateng gape fa morafe o kgaogana gabedi, go nna wa ga
Moruakgomo wa balwela kgololesego le wa ga Motswasele wa
bakgokgontshi. Ke mathata ka go thubile popagano e e neng e le teng mo
morafeng wa Bakwena.
Mathata a gagwe a a oketsega fa a tlhanogelwa ke motlhanka wa gagwe
e bong Molotlhanyi, ene yo o mmaketseng ntwa. O ne a mo tlogela fa go
iwa ntweng ka o siela kwa go boMoruakgomo. Tiragalo e e supa bothata
ka Motswasele o sala mo legoeleleng gape ene Molotlhanyi o ntsha
diphiri tsa bone ka fa ba ithulantseng ka teng go ipaakanyetsa ntwa.
O lebagana le mathata a ntwa e e nnang teng ya mephato mme mephato
ya gagwe e a fenngwa. Ke mathata ka jaana se a neng a se solofetse ga se
diragale o swelwa ke batlhabani ba gagwe ka bontsi.
Bothata jo botona jo bo mo welang ke fa Moruakgomo a mmolaya. Ke
mathata ka gore o latlhegelwa ke botshelo jo a ka bong a bo somaretse fa
a ne a sa tsaya tshwetso e e maswe ya go ya go tlhabana.
E le ruri ditiro tse maswe di tsenya mo mathateng ka gore Motswasele o
feletse a tsena mo mathateng ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di maswe.
4. a) Tlhalosa ka botlalo seabe sa ga Motswasele/Motswasele o
rotloeditse jang ditiragalo tsa motshameko
Seabe sa ga Motswasele ke go tshedisetsa morafe mo letshogong, go
baka dintsho tsa batho, ntwa, kgaogano ya morafe, patiko ya batho, go wa
seriti ga gagwe le loso lwa gagwe.
Motswasele o na le seabe mo go tsheleng ka letshogo ga morafe ka ntlha
ya kgokgontsho e a neng a e dira mo go bone.
O rotloeditse dintsho tse di nnileng teng mo morafeng. O ne a roma
barongwa ba gagwe go gapa matshelo a batho. O bolaile mogatsa Moilwe
ka tšhaka a mmolaela go thiba dikgomo tsa gagwe fa a di gapa. O boa a
bolaya Maleke ka ntša e e berekilweng ke ngaka ya setso, a mmolaela
magatwe a gore o tshwara diphuthego masigo. Fa godimo ga moo, o
bolaile batho ba ba sa bolelwang ka maina ba go neng go twe maboko a
bone a gasame mo dikgoreng.
O bakile ntwa e e nnileng teng ka go tsaya tshwetso e e seng yone ya go
rarabolola mathata. O dirisa ntwa boemong jwa go buisana le morafe.
O dirile gore go nne le kgaogano ya morafe; go nna makgamu a mabedi.
O palelwa ke go busa morafe ka tsela e e siameng a itlhokomolosa
dikgakololo tse a di fiwang ke bo Moruakgomo le Sejo tsa gore a buse ka
kagiso. Ene a bo a busa ka letsogo la molema.
Ke fa go gatileng ene go bo a phatlaleletswe ke barongwa, ka go tloga a
ba roma ditiro tse e seng tsone tsa go tsholola madi le go gapela batho
dithoto jaaka Mogatsa Moilwe le Maleke.
Go mo maruding a gagwe go bo a wele seriti. O busa ka go
kgokgontsha morafe le go o dirisa ditiro tse di maswe jaaka go dirisa
basadi ba batho botlhaswa. Ka jalo morafe o felela o sa mmone a
tshwanetse go nna kgosi ya bone ka a dira gore ba se ka ba mo fa tlotlo.
O gwetlhile loso lwa gagwe ka go tloga a tsaya tshwetso ya go ya
tlhabanong mme le fa a bona gore go thata o a fenngwa, ga a ineele, o
tswelela fela ka go tlhabana a bo a bolawa ke Moruakgomo ka lerumo.
Go tshela ka letshogo ga mofare, dintsho tsa batho, ntwa e e nnileng teng,
go phatlalalelwa ke barongwa, kgaogano ya morafe, patiko ya batho, go
wa seriti ga gagwe le loso lwa gagwe ke ditiro tse di netefatsang fa
Motswasele a na le seabe se setona mo tsweledisong ya ditiragalo tsa
motshameko o ka fa e ne se ka ene di ka bo di sa diragala.
b. Tlhalosa ka botlalo seabe sa ga Molotlhanyi/Molotlhanyi o
rotloeditse
jang ditiragalo tsa motshameko
Dintlha ke tse di latelang:
-Go tlhokakutlwisisano ga morafe wa Bakwena.
-Ntwa.
-Go tswa setshwarwa.
-Go fenngwa ga ga Motswasele.
-Go wa seriti gag a Motswasele.
Dirisa dintlha tse o age “essay” o sale motlhala wa seabe sa ga
Motswasele morago.
5. a) Maikutlo a mokwadi ke afe ka le dikgosi tse di
kgokgontshang
morafe wa tsone/Dikgosi tse di sa reetseng dikgakololo tse di
molemo.
Mokwadi mo motshamekong wa Motswasele II o kgala dikgosi tse di
kgokgontshang morafe wa tsone. O dirisa Kgosi Motswasele go supa fa a
kgala dikgosi tse di kgokgontshang. O dirisitse ditsela tse di latelang go
supa/senola maikutlo a gagwe: tshenolo ya botho jwa motshameki, teo-
leina, kobiso, puo ka mokwadi le kotlhao.
Mokwadi o dirisa teo -leina go kgala dikgosi tse di kgokgontshang
morafe wa tsone ka o fa Motswasele leina Motswasele. Leina le le raya
motho yo o tswang go sele, ga a dire dilo jaaka batho ba bangwe.
Motswasele leina la gagwe le ya mareelelong. O busa Bakwena ka
lerumo, o a kgokgontsha, o busa ka puso ya seroophate. O busa jaaka
motho yo o tswang go sele, ga a buse jaaka motho a tsetswe le Bakwena
ka jalo o a mo tlaopa.
Mokwadi o dirisa tshenolo ya botho jwa motshameki go kgala dikgosi
tse di kgokgontshang morafe wa tsone. Mokwadi o mo fa botho jo bo
reketlang, jo e seng jone jwa motho a sa itse tsamaiso ya bogosi. O dira
Motswasele yo o tlhogoethata ka o busa Bakwena ka kgatelelo, ga a
reetse dikgakololo tse a di fiwang ke bo Moruakgomo le Sejo o ikanya
malope a gagwe bo Molotlhanyi. O mo aga a le pelotshetlha ka o
ikgagapelela dikgomo tsa morafe gammogo le basadi ba bone. O mo dira
a le boikgogomoso ka o a ipoka a re ga a legatlapa o tlaa itwela le ntswa a
bona gore ga a kake a kgona. O mo aga a le setlhogo ka o bolaya batho ka
tsela e e botlhoko e bile ba se na le fa e le molato. Jaaka a bolaile Maleke
le Mogatsa Moilwe. O mo aga a se na tebelopele ka o tsaya tshwetso e e
seng maleba ya go ya ntweng a sa ele tlhoko ditlamorago tsa yone. Ka
botho jo o supa fa tota a kgala dikgosi tse di busang morafe wa tsone ka
kgokgontsho.
Mokwadi o dirisa kobiso go kgala dikgosi tse di kgokgontshang morafe
wa tsone.O dira gore ditsela tse Motswasele a di dirisang go sireletsa
bogosi jwa gagwe di felele di mo tsentse o mathateng jaaka a ne a dirisa
ntwa go rarabolola mathata e e mmaketseng loso. Gape o kgokgontsha
morafe, morafe o bo o mo tlhoboga o bona e se kgosi ya sepe a bo a wa
seriti.
Mokwadi o dirisa puo ya tshotlo go kgala dikgosi tse di kgokgontshang
morafe wa tsone. O dirile gore batshameki ka ene fa ba bua ka ene ba
mmue leswe. Mogatsa Moilwe a re ke kgosi e e sefatlha, fa Moruakgomo
a re ke motho yo o lefufa o ila go gaisiwa. Sebolai ene a re ke sematla sa
nnete ka a baya batho ba ba sa itseng sepe ka ntwa bo Molotlhanyi, ka se
o ikgatlha ka ene ka a le kgatlhanong le dikgosi tse di kgokgontshang
morafe wa tsone.
Mokwadi o kgala dikgosi tse di kgokgontshang morafe wa tsone ka go
dirisa kobiso. Ditsela tse Motswasele a di dirisang go sireletsa bogosi jwa
gagwe di mo tsenya mo mathateng. Motswasele o bitsa ntwa a tsaya
gore o tlaa fenya mme ntwa eo e felela e bakile loso lwa gagwe, a
fentswe. Motswasele o tswelela a tsaya gore boMolotlhanyi ba tlaa mo
lwela ka bopelokgale mme ga go nne jalo. Batho ba Motswasele a ba
tshepang ba a mo tlhanogela.
Mokwadi o kgala dikgosi tse di kgokgontshang morafe wa tsone ka go
dirisa kotlhao. O otlhaya Motswasele ka ditsela tse di farologaneng jaaka
go latlhegelwa ke seriti, batho ga ba mmone jaaka kgosi ka lebaka la
boitshwaro jwa gagwe. O boa a mo otlhaya ka go tlhanogelwa ke
barongwa ka o sala a le esi go se na yo a mo thusang ntwa. O mo otlhaya
ka thupa e e botlhoko ya loso. O a tlhokafala morago ga go tlhabiwa ke
Moruakgomo ka sebele kwa ntweng.
Ka ditsela tsotlhe tse mokwadi a di dirisitseng e bong teo-leina, kobiso,
tshenolo ya botho le kotlhao mokwadi o supa tota fa a kgala dikgosi tse
di kgokgontshang morafe wa tsone.
b) Maikutlo a mokwadi ke afe tebang le (ka) batho ba ba tlisang
tlhokokutlwisisano mo morafeng/ba ba lotlhanyang ba bangwe?
Mokwadi o kgala batho ba ba tlisang tlhokokutlwisisano mo morafeng.
O dirisitse Molotlhanyi go senola maikutlo a. O dirisitse ditsela tse di
latelang: teo leina, tshenolo ya botho, puo ka mokwadi le kotlhao.
Mokwadi o kgala batho ba ba tlisang tlhokokutlwisisano ka teo leina. O
neile motshameki leina a re Molotlhanyi, leina le le raya motho yo o
tlisang diphapang le dintwa fa gare ga batho. E le ruri leina le le ya
mareelelong. Molotlhanyi o lotlhantse Motswasele le Moruakgomo ka
maaka. O raya Motswasele a re Moruakgomo o batla go mo amoga
bogosi. O boa a a ya kwa go Moruakgomo a re bogosi bo a mo tshwanela.
Se se baka tlhokakutlwisisano mo bobeding jo. O dirile gore Bakwena ba
ile kgosi ka o ne a mo rotloetsa go ba busa ka kgokgontsho. Ka leina le
mokwadi o supa fa a le kgatlhanong le batho ba ba lotlhanyang.
Mokwadi o kgala batho ba ba tlisang tlhokokutlwisisanyo mo morafeng
ka go dirisa puo ya tshotlo. O dirile gore batshameki ka ene fa ba bua ka
ene ba dirise puo ya tshotlo. Moruakgomo a re Molotlhanyi ke
senokwane fa Sejo ene a re ke sebatana. Ka puo e mokwadi ga a rate
batho ba ba losang ba bangwe.
Mokwadi o kgala batho ba ba tlisang tlhokokutlwisisanyo mo morafeng
ka tshenolo ya botho jwa ga Molotlhanyi. O mo senola a le sematla, o
rotloetsa ntwa a sa lemoge gore le ene o ya go amega. O mo supa gape a
le maaka, ga a ke a bua boammaaruri o dira gore batho ba ilane ka ntlha
ya go ba akela mo go ba bangwe. O akile ka bana ba ga Ramodi, Maleke
le ba bangwe a re ba kgatlhanong le puso ya ga Motswasele mo go supa
gape a se na ponelopele. Ga akanye ditlamoago tsa ditiro tsa gagwe. Ka
botho jo mokwadi ga a beye sebete batho ba ba lotlhanyang batho ba
bangwe.
Mokwadi o dirisitse kotlhao go kgala batho ba ba tlisang
tlhokokutlwisisano mo morafeng. O dira gore Molotlhanyi a tswe
setshwarwa. Ba mophato wa ga Molotlhanyi ba bofelela Molotlhanyi mo
setlhareng ka ba ne ba sa mo tshepe. Ka kotlhao e mokwadi o supa fa a le
kgatlhanong le batho ba ba lotlhanyang.
Botho jo bo bosula jo mokwadi a agileng Motswasele ka jone go tswa
kwa tshimologong go ya kwa bofelong bo netefatsa tota fa mokwadi a
kgala dikgosi tse di kgokgontshang morafe wa tsone.
Ditsela tsotlhe tse mokwadi a di dirisitseng go aga Motswasele jaaka teo-
leina, kobiso le kotlhao di supa fa tota mokwadi a kgala dikgosi tse di
kgokgontshang morafe wa tsone.
6. A mokwadi o kgonne go supa phetogo ya botho mo go
Motswasele/Ka fa mokwadi a agileng Motswasele ka teng o ka re o
kgonne go supa phetogo ya botho ka ene
Mokwadi ga a kgona go supa phetogo ya botho jwa ga Motswasele
mme go na le itharabologelo kwa bofelong e e sa tsepamang. Ga a na
kwelotlase le kgolo mo bothong jwa gagwe.
Kwa tshimologong mokwadi o mo supa a na le botho jo boleswe jo bo sa
eletsegeng gotlhelele ka mokwadi o mo supa a le tlhogo_e_thata ka a re
ga a reetse dikgakololo tsa ga Sejo le Moruakgomo fa ba re a buse
Bakwena sentle a re ga a kake a rutwa bogosi e le kgosi e bile o tsaya
tshwetso ya go ya tlhabanong go rarabolola mathata a gagwe a morafe wa
Bakwena. O mo supa a le setlhogo ka o romela barongwa go tlhasela
batho le go bolaya batho jaaka bana ba ga Ramodi ba a ba tlhasetseng ka
go dirisa Diratsagae go ba tshubela matlo, a boa a laola polao ya ga
Mogatsa Moilwe le Maleke. O bolaile Mogatsa Moilwe ka tšhaka le
lerumo ka a ne a kganela dikgomo tsa gagwe go gapiwa fa Maleke a
bolailwe ka ntša e e neng e berekilwe ke ngaka ya setso e le ka taolo ya
ga Motswasele.
O tswelela a re neela Motswasele a se na ponelopele, ka ga a akanye
gore ditiro tse a di dirang di tlaa mmusetsa eng. O dira fela a sa lebelele
ditlamorago ke jaaka a bolailwe ke ntwa e a e biditseng.
Mo tsweledisong ya ditiragalo mokwadi o mo supa a na le
itharabologelo le ntswa e sa tsepama. Motswasele o itharabologelwa fa a
ntsha ka kgapha sa molomo fa a re, “Ke baa ke gakologelwa mafoko a ga
Sejo a Monametsi fa a re ke buse sentle.” Itharabologelo e e tla fa a
utlwa manokonoko a lerumo la ga Moruakgomo.
Mokwadi ga a kgona go supa kgolo ya ga Motswasele ka gore ga a
supe phetogo ya gagwe. Le fa a sena go lemoga diphoso tsa gagwe ga a
mo fe sebaka sa kgolo/ go ipaakanya diphoso ka o ne a tlhokafala.
Botho jo bo bosula jo mokwadi a agileng Motswasele ka jone go tswa
kwa tshimologong go ya kwa bofelong bo netefatsa fa Motswasele a se na
kwelotlase le kgolo fa e se itharabologelo fela e le yone e sa tsepamang
ka e tlile thari.
7. Supa ka fa paka le lefelo di tsamaelanang ka teng le ditiro le
dikakanyo tsa batshameki.
Ditiro le dikakanyo tsa batshameki mo motshamekong wa Motswasele II
di tsamaelana le paka le lefelo. Paka ke ya segologolo fa lefelo e le legae
la Mokwena le le sa tlhabologang.
Mo pakeng ya segologolo bogosi bo ne bo tsalelwa ka jalo ga go
gakgamatse go bona Motswasele a bewa kgosi morago ga go tlhokafala
ga ga rraagwe e bong Legwale ka bogosi bo ne bo fiwa ngwana wa ntlha
wa mosimane. Borangwanaagwe Motswasele le bone ga ba ikgagapelele
setilo sa bogosi ka bo lebane Motswasele. Moruakgomo le ene o dumela
fa bogosi e le jwa ga Motswasele le ntswa boMolotlhanyi ba ne ba leka
go mo raela go tsaya bogosi o ba tlhalosetsa a sa ošaoše gore ke jwa ga
Motswasele.
Mo pakeng ya segologolo go ne go dumelwa mo dilong tsa setso ka jalo
ga go thona gore Senese e re a utlwa lerubisi le lela gammogo le
dikonyana bosigo a bo a dumela fa e le dikai tse di supang ditiragalo tsa
botlhodi kana kutlobotlhoko e e tlang. Fa godimo ga moo Motswasele o
dumela mo bongakeng jwa setso ka re bona a bitsa ngaka go bereka ntša
ya ga Diratsagae go ya go bolaya Maleke.
Mo pakeng ya segologolo ntwa e ne e dirisiwa go rarabolola mathata ka
jalo go tshwanetse go bona Motswasele a tsaya tshwetso ya gore go iwe
ntweng fa morafe o ikuela gore ba buswe sentle le ka kagiso.
Moruakgomo le ene o ema ka dinao go lwela kgololesego morago ga gore
Motswasele a gane dipuisano tsa kagisano le ene. Motswasele o gana mo
go tweng ntwakgolo ke ya molomo.
Mo legaeng la Mokwena kgomo e ne e le konokono ya botshelo, e
tseelwa kwa godimo ka jalo ga go thona go bo Motswasele a gapela
Mogatsa Moilwe dikgomo go oketsa tsa gagwe go mo fa seriti. Le ene
Mogatsa Moilwe o tlotla kgomo ka o ne a nna kgatlhanong le go gapiwa
ga dikgomo tsa gagwe mo a neng a di swela.
Mo legaeng la Mokwena lefoko la kgosi le agelwa mosako; taolo ya
kgosi e ne e diragadiwa go sa kgathalesege gore e ntle kgotsa e maswe
ka jalo go maleba gore kgosi Motswasele fa a ntsha taolo ya gore
Mogatsa Moilwe a bolawe barongwa ba bo ba sa gane. Barongwa ba ne
ba laelwa gape go bolaya le go gapela batho ditsabone mme ba bo ba sa
gane ka gore kgosi e ne e sa botswe dipotso, kgosi e ne e na le dithata tse
di feteletseng e bile morongwa ke kgosi ga a gane/botse.
Mo legaeng la Mokwena bothata bo rarabololwa kwa kgotleng ka jalo ga
go gakagamatse go bona Kgosi Motswasele a dira maiteko a go
kgwathisa Moruakgomo le Sejo kwa kgotleng.
Go bo kgomo e ne e le konokono ya botshelo, bogosi bo ne bo tsalelwa
le tiriso ya ntwa go rarabolola mathata di netefatsa fa ditiro le dikakanyo
tsa batshameki di tsamaelana le paka le lefelo mo motshamekong o.
GAKOLOGELWA
Potso e ka bodiwa gape o filwe leina la motshameki, e sa akaretsa, ka
jalo, o tlamega go ntsha bopaki/bosupi ka motshameki yoo fela.
8. Ipeye mo seemong sa ga Motswasele o bua se a neng a ka se bua
nako ya fa a lemoga gore o a fenngwa(Fa a tlhabiwa ke Moruakgomo
ka lerumo)
Nna ke le kgosi Motswasele ke lemogile gore maduo a boleo ke loso. Ke
nnile tlhogo_e_thata ka gana dikgakololo tse di molemo tsa ga Sejo fa a
ne a re ke se ka ka bolaya batho ba me ba se na molato mme ka sia le tsa
boMolotlhanyi tse di ntimeditseng e bile di ntlhobogantse le morafe wa
me, kante ke a ipolaya e bile ke a swaba.
Ke ne ke itebaditse Setswana se se reng kgosi ke kgosi ka batho. Ke ne ke
tshwere batho ba ke ba eteletseng pele ka letsogo la molema ke sa ba
bone ka sepe ke ba bolaya, ke ba thukutha ditsabone ke itse fa ba ka se
ntire sepe. Gompieno jaana ke tlhoka ene yo o nkemang nokeng,
Bakwena ba ntlhanogetse e le fa go gatang bomatla jwa me teng jaanong
ke lebagane le ntwa ke le nosi.
Ruri ke fetogile moipolai yo o sa lelelweng. Tota ga ke tshwae ope phoso,
dilo ke di itirile ka go tlhoka kelelelo ke gabile go ikgotsofatsa. Gone
jaana ntwa e phagetse e bile ba lekgamo la me ba fentswe fela botlhe.
Gompieno jaana ke moemanosi ga go na kwa ke sielang teng e bile ke
tlhabiwa ke ditlhong.
Ke boammaaruri gore o se bone nong go rakalala godimo go ya tlase ke
ga yone. Ke ne ke le boikgomoso ke lebela batho ba bangwe kwa tlase e
bile ke sa reetse ope. Ke ne ke gatisa morafe wa me legala ke lebetse gore
ditlamorago di tlaa mpoela, ke tse di botlhoko. Gompieno di ja nna. Ke
nnete monate o fela ka botlhoko e bile ke a ikotlhaa.
Kgakololo e ke fang dikgosi tse dingwe ke gore bogosi bo a ilelwa e bile
bo a tlotlwa. Ga se gore fa o na le dithata o tshwanetse go gataka batho ka
dinao. Tsayang maikarabelo go sireletsa le go tlamela merafe ya lona e
seng go tswa dibatana mo go yone. Bona gore ke fa kae ka go tlhoka
kelelelo ga me. Batho ba a reediwa fa ba ntsha dingongorego tsa bone. E
re o bona bodiba jo bo jeleng ngwana wa ga mmaago o bo dikologe.
Tsayang malebela mo go nna le ipaakanye.
TSHOBOKO YA DINTLHA
THULAGANYO YA DITIRAGALO TSA MOTSWASELE II
1. Go reetsa dikgakolo tse di bosula tsa batlhanka ba e seng bone e
bong Leapeetswe, Molotlhanyi le Diratsagae ga ga Motswasele a
bo a gana go reetsa dikgakololo tse di molemo tsa boMoruakgomo
le Sejo .
2. Tlhaselo ya bana ba ga Ramodi- ba tshubetswe matlho le go
gapelwa dikgomo.
3. Go rebola barongwa go gapela Mogatsa Moilwe dikgomo mme fa
a gana ka tsone a bolawe-Thomo ya diragadiwa, a gapelwa
dikgomo le go bolawa.
4. Maiteko a go bolaya Moruakgomo a se na molato-Barongwa ba
ikgatholosa taelo e.
5. Maiteko a go betsa Moruakgomo le Sejo-go nna le tlhakatlhakano
fa Sejo a sia morafe o a mo leleka, Moruakgomo a bo a falola le
ene.
6. Motswasele o laola Diratsagae gore a bolaye Maleke ka ntša e
khunou e e berekilweng ka ditlhare tsa Setswana (ngaka ya setso)-
Thomo e a atlega mme Diratsagae o bonwa ke Moruakgomo le
Segokotlo.
7. Potso e re tlang re e ipotsa ke ya gore Motswasele o tlaa felela kae
ka ditiro tse tsa gagwe tse di maswe tse a di dirang morafe.
8. Motswasele o bolawa ke Moruakgomo kwa tlhabanong. Loso lwa
ga Motswasele le lone setlhoa.
9. Ditiragalo tsa motshameko o di felela ka setlhoa ka jalo ga go na
mafologelo le phelelo. Setlhoa ke sone bokhutlo jwa ditiragalo.
ELA TLHOKO: Ka dinako tsotlhe fa moanelwa
mogolo/Motshameki mogolo a tlhokafala ga go
na mafologelo le phelelo.
TSALANO YA DITIRAGALO
1. Tiragalokgolo ke fa Molotlhanyi a raya Moruakgomo a re bogosi
bo mo tshwanetse morago o latela Motswasele o mo raya a re
Moruakgomo o batla go mo tseela bogosi e le go ba lotlhanya.
2. Totlhanyo e tsala tšhakgalo-Motswasele a šakgalela ba bogosi mo e
reng boMoruakgomo le Sejo ba mo gakolola gore a buse sentle a
bo a sa reetse dikgakololo tsa bone.
3. Tšhakgalo e dira gore go nne le tlhaselo ya bana ba ga Ramodi.
4. Tlhaselo e tsala ngongorego ya morafe o bo o tlhama mephato ya
ntwa go lwela kgololesego.
5. Go tlhomiwa ga mephato go gwetlha Motswasele gore e re a utlwa a
rome Diratsagae gore a bolaye Maleke.
6. Polao ya ga Maleke e dira gore Moruakgomo a bolotse ntwa morago
ga gore Motswasele a gane go busa ka kagiso.
7. Ntwa e baka loso lwa ga Motswasele- o a fenngwa a bo a bolawa
ke
Moruakgomo kwa ntweng.
MOLAETSA
Molaetsa wa motshameko o ke ditiro tse di maswe di tsenya mo
mathateng. Molaetsa o re o senolelwa ke Motshameki mogolo e bong
Motswasele.
DIRITO TSE DI MASWE MATHATA A GA
MOTSWASELE
a. O patika batho a ba pateletsa Ditiro tse tsotlhe tse di bosula tse
melato e ba sa e dirang_ Motswasele a di dirang di felela di
Moruakgomo le Sejo. mo tsentse mo mathateng.
b. O bolaya batho-Mogatsa
a. Morafe o kgaogana gabedi.
Moilwe, Maleke.
b. O tlhanogelwa ke motlhanka
c. O tseela batho ditsabone-
wa gagwe e bong
dikgomo tsa ga Mogatsa
Molotlhanyi.
Moilwe le basadi ba batho e
c. O lebagana le ntwa e e nnang
bile a sa ba tlotle.
teng ya mephato mme o a
d. O ikgantshetsa morafe a re o
fenngwa.
laola sengwe le sengwe le
d. Bothata jo botona ke fa
mmu tota.
Moruakgomo a mmolaya
e. O ikgatholosa ba bogosi fa
kwa ntweng.
ba mo fa dikgakololo tse di
siameng, o reetsa tse di
ELA TLHOKO
bosula.
f. O gana mafoko a kagiso a bo Ntsha ntlha o bo o akgela
a itlhophela go ya ntweng. gore ke mathata jang/ ke eng
Mafoko a o a dirisang mo o re go bosula.
potsong e o a fapaanya. Mafoko a o a dirisang mo
potsong e o a fapaanya.
Motswasele o dira bosula fa a
… O tsena mo mathateng fa a…
Mathata a gagwe a
O tswelela a leofa… oketsegela pele fa a…
O dira bomaswe fa a … O lebagana le mathata a…
Bothata jo botona jo bo mo
O tsweledisa ditiro tsa gagwe
welang ke fa…
tse di bosula fa a…
PHETOGO YA BOTHO
-Fa moanelwa mogolo/motshameki mogolo a na le itharabologelo e e sa
tsepamang a bo a tlhoka kwelotlase le kgolo ra re, “Mokwadi ga a kgona
go supa phethogo ya botho” DIKAI; Motswasele-o feletse a tlhokafetse
(Motswasele II) le Modiri-ga a ise a fetole botho jwa gagwe jo bo bo
bosula gope go tswa kwa tshimologong go ya kwa phelelong ya
ditiragalo (Letlapa le le bolele).
TSHEKATSHEKO YA MOTSHAMEKO WA LETLAPA LE LE
BOLELE
1. THULAGANYO YA DITIRAGALO
Ditiragalo tsa Letlapa le le bolele di gwetlhilwe ke go ratana ga ga
Modiri le Tlhoriso ntswa e le rre wa lelwapa a nyetse Khutsafalo. Go
ratana ga bobedi jo go baka kgotlhang ya motho le tikologo, Modiri le
tikologo ya gagwe ka a ne a dira ditiro tse di sa amogelesegeng mo
tikologong.
Kgotlhang e tswelela fa Modiri a fuduga mo lelwapeng a ya go nna kwa
ga Tlhoriso. O tsamaya jaana a sena go tlhokela Khutsafalo botho a re ke
mosadi wa sefefe yo o batlelwang ka fa tlase ga monna. O bua fa
Khutsafalo a tladitse dirathana mo lelwapeng e bile o bitsa bana ba ga
Khutsafalo: Moreetsi le Mofalodi a re ke ditladianya. Mokgwa o ga se o o
solofelwang mo rreng wa lelwapa. Ke mokgwa fela o o bosula e bile o sa
letlelesege.
O tswelela a gotlhana le tikologo fa a adima madi kwa a direlang teng ka
maaka. A re o adimela bana ntswa a batla go itumedisa Tlhoriso ka one.
Maaka mo mogolong ke moila, ka jalo se Modiri a se dirang tikologo ga e
se amogele gotlhelele.
O tswelela a gotlhana le tikologo fa a dumalana le mogopolo wa ga
Tlhoriso wa gore ba kgoreletse tswelelelo ya ba lelwapa la ga
Khutsafalao ka go bolaya Mofalotsi. O loga maano a a farologaneng a
akaretsa go dirisa Gotlhame yo e leng ngaka ya setso le maepantlo go
bolaya Mofalotsi le go leka go mo tsenya ka kgolegelo. Polao ya motho
ke tiragalo e e maswe e e ka se amogelesegeng mo tikologong. Modiri o
tshwanetse go sireletsa bana e seng go tswa mmaba wa bone.
Go supa tota fa tikologo e sa amogele ditiro tsa ga Modiri, Modiri o
simolola go kokonelwa ke botshelo. Tlhoriso o a mo kgerisa a re ke
monna wa sekopa e bile o mmatla madi.
Go supa fa tikologo e sa mo amogele o latlhelele, tiro e a mo latlhegela
ka a paletswe ke go duela madi a a neng a a adima ka maaka.
Tikologo e mo tsogologela le go feta fa Tlhoriso a mo koba mo
lelwapeng la gagwe morago ga gore a latlhegelwe ke tiro le gore dilwana
di gapiwe kwa ga Tlhoriso ke ba tiro ya ga Modiri ba a ba kolotang.
Go supa fa tikologo e sa amogele mokgwa wa gagwe wa go dira bosula
Ngaka Marumo le ba lekoko la gagwe la dirukutlhi ba mo senya
tlhaloganyo ka go mo kenta ka motswako o o tsentshang ka a paletswe ke
go ba duelela go ba dirisa mo maitekong a go nyeletsa Mofalotsi.
Setlhoa ke fa Modiri a atlholelwa botshelo jotlhe mo kgolegelong fa bo
Semato le Selepe bone ba atlholelwa loso ka ba bolaile ngaka Marumo.
Mafologelo ke fa Khutsafalo a sekisetsa Tlhoriso go mo thubela lelwapa
a bo a atlholwadikgomo di le boferabobedi.
Phelelo ke fa khutsafalo le ban aba gagwe ba tshela ka boitumelo.
2. TSALANO YA DITIRAGALO
Ditiragalo tsa motshameko o di gwetlhilwe ke go ratana ga ga Modiri le
Tlhoriso ntswa a nyetse Khutsafalo. Go ratana mo go baka gore a seka a
tlotla khutsafalo ka o mo rogaka fa pele ga bana a bo a tswa mo
lelwapeng a ya kwa ga Tlhoriso ka a re Khutsafalo o ba kgoreletsa go
tshela ka phuthulogo le Tlhoriso.
Tshotlego e e baka gore ba lelwapa la ga Khutsafalo ba ikemele ka
dinao. Khutsafalo o itiretse kgwebo morago ga go fiwa kgakololo ke
tsala ya gagwe e bong Kgololo. Mofalotsi ene o dira ka natla mme o bona
maduo a mantle mo e reng a le kwa mmadikolo a bo a dumelelwa kwa ga
Mmamosadinyana.
Katlego ya ga Mofalotsi e tsala letshogo mo go Tlhoriso a bo a tsenya
Modiri legonyana mo maragong gore a kgoreletse go ya sekolong ga ga
Mofalotsi. Modiri o adima madi kwa tirong go thapa dirukhutlhi go
bolaya Mofalotsi. O dira jalo kgapetsakgapetsa mo a palelwang ke go a
duela.
Go imelwa ke go duela sekoloto go dira gore kompone e a neng a direla
mo go yone e mo kobe mo tirong. Go felela go nna thata le gone go duela
maepantlo a a neng a a thapile go mo direla tiro.
Go palelwa ke go duela bo Ngaka Marumo go gwetlha
tlhokokutlwisisano fa gare ga ga Marumo le badiri ba gagwe e bong
Semato le Selepe ba omanela madi ka ba ne ba ithaya ba re moeteledipele
wa bone Marumo o duetswe mme ga a batle go ba duela. Kgaruru e e
felela e baka loso lwa ga Marumo yo o bolailweng ka phoso.
Loso lwa ga Marumo le baka gore bo Semato ba tshwarwe mme ba
supa Modiri ka monwana gore ke ene motlhodi wa ditiragalo.
Go ntsha mosi ka sekhurumelo ga bo Semato go dira gore Modiri a
tshwarwe a bo a atlholelwa botshelo jotlhe mo kgolegelong.
3. MOLAETSA
Molaetsa wa motshameko o ke gore fa motho a sa tshele botshelo jwa
gagwe ka kelotlhoko o felela a tsena mo mathateng. Molaetsa o re o
senolelwa ke Modiri yo e leng ene motshameki mogolo.
O tlhokile kelotlhoko fa a ratana e le rre wa lelwapa. O ratana le
Tlhoriso ntswa a nyetse Khutsafalo. Ga a akanyetse ditlamorago tsa teng.
O tlhoka kelelelo fa a fuduga mo lelwapeng a ya go nna le mosadi wa
sephiri le gone a fuduga a sena go kgakgafalela Khutsafalo a re ga a ka ke
a mo thusa ka sepe. O boa a re o ya go boela kwa ga Khutsafalo e le
setopo a sa akanye gore e tlaa re go nna maswe a le lebise kae.
O tlhoka ponelopele fa a dumalana le Tlhoriso gore ba bolaye Mofalotsi
ka Tlhoriso a tshaba gore o tlile go thusa mmaagwe gore a mo sekise go
mo thubela lelwapa. O dira fela a sa sekaseke gore ba ba buelang
dikgageng magakabe a a ba bona (sekukuni se bonwa ke sebataladi).
O tlhoka keletlhoko fa a dirisana le bo Ngaka Marumo a re ba bolaye
Mofalotsi ntswa a se na madi a itlhokomolosa gore dirukutlhi ke batho ba
ba setlhogo.
Ka ntlha ya go tlhoka kelelelo, Modiri o tsena mo mathateng a a
latelang:o kokonelwa ke botshelo.Mathata a manwe a a diragalelang
Modiri ke go kgeriswa ke Tlhoriso a re ke monna wa sekopa e bile a
mmatla madi.
Mathata a ga Modiri a golela pele fa a latlhegelwa ke tiro ka a paletswe
ke go duela madi a a neng a a adima ka maaka e bo Tlhoriso a mo koba
mo lelwapeng ka a sa dire. Mathata a mangwe a Modiri a tsenang mo go
one ke go gapelwa dilwana ke ba tiro ya gagwe ba a ba kolotang.
Mathata a matona a a diragalelang Modiri ke gore Ngaka Marumo le
ba lekoko la gagwe la dirukutlhi ba mo senya tlhaloganyo ka go mo kenta
ka motswako o o tsentshanng ka a paletswe ke go ba duela go ba dirisa
mo maitekong a go nyeletsa Mofalotsi. E le ruri botlhale bo ja mong wa
jone jaaka Moridi a jelwe ke matlhale a gagwe a go tsietsa Khutsafalo le
go loga maano a a bosula a go bolaya Mofalotsi.
4. a. MAIKUTLO A MOKWADI KE AFE KA BORRE BA BA
ITLHOKOMOLOSANG MALWAPA A BONE?
Mokwadi o kgala borre ba ba itlhokomolosang malwapa. O dirisa Modiri
go senola maikutlo a a kgalo. Ditsela tse a di dirisitseng ke setlhogo sa
motshameko, tshenolo ya botho, kobiso, mafoko a mokwadi le
kotlhao.
Ka mokwadi a kgala borre ba ba itlhokomolosang malwapa a bone, o
dirisitse setlhogo sa motshameko. Setlhogo se se tswa mo seaneng se se
reng botshelo ke letlapa le le bolele bo a reledisa mme se raya gore fa
motho a sa tshele ka kelotlhoko o tsena mo mathateng. Mokwadi o dirisa
setlhogo se a ikgatlha ka Modiri. O mo senola e le ene a tlhokileng
kelotlhoko ka go tlogela mosadi a inaakanya le dirukukutlhi a batla go
bolaya Mofalotsi mme a dira gore a felele a ole ka mpa ya sebete ka o
feletse ka kgolegelo botshelo bo tlhakatlhakane.
Mokwadi o tswelela a supa gore o kgala borre ba ba ikgatholosang
malwapa a bone ka go dirisa tshenolo ya botho. O senotse Modiri ka
botho jo bo leswe. O mo senotse a le sematla ka a ineeletse go dirisiwa
ke Tlhoriso ditiro tse di maswe jaaka go batla gore a bolaye Mofalotsi.
Mo godimo ga moo, Tlhoriso o mo jela madi ene a ipoleletse gore o a
ratiwa. Mokwadi o mo supa gape e le motho yo o senang tebelopele, o
dira dilo fela sa lebelele ditlamorago tsa tsone, o iphitisitse dikoloto a sa
ele tlhoko gore go ka mo senyetsa tiro. O boa a mo supa a le makgakga,
o kgakgafalela Khutsafalo le bana a re bana ke dirathana e bile ke
ditladianya. Gape a re khutsafalo ke sefefe sa mosadi se se batlelwang ka
fa tlase ga monna.
Mokwadi o dirisa puo ya gagwe go kgala banna babab itlhokomolosang
malwapa a bone. Puo e e le ya tshotlo, o dirile gore batshameki ba
bangwe ba bue ka Modiri ba mo sotla.Khutsafalo a re ke khibeng ga ke
tswe, o intshitse phoko ya basadi botlhe. Moreetsi ene a re ke tau e e
mariri e e nnang e ba garumela. Tlhoriso o ikgatlha ka ene a re a ke tlaa
tlogela lesogo ke le filwe ke badimo, o supa gore o tlile go mo tloba fela.
Mokwadi o dirisitse kobiso go kgala banna ba ba itlhokomolosang
malwapa a bone. O dira gore dikeletso tsa ga Modiri di folotse. Modiri
otswa mo lelwapeng a tre o tshaba go tlamela bana ba e seng ba gagwe
mme fa a tsena kwa ga Tlhoriso o feta a tlamega go tlhokomela Ditso. O
ne gape a ipolelela gore o a ya go tshela sentle kwa go Tlhoriso kante o
ya go boga. Le ene o bua fa e rile go tshaba mo metseng e e belang a
itatlhela mo kgabong ya molelo. O ne a tshega bana ba ga Khutsafalo e
bile a ba nyatsa a re ba ka se mo thuse ka sepe mme mokwadi o dira gore
ba felele ba le botlhokwa mo go ene ka ke foo Mofalotsi o a mo alafa fa a
lwala tlhaloganyo. Mokwadi o dirisitse kotlhao go supa fa a kgala borre
ba ba itlhokomolosang malwapa a bone. O otlhaya Modiri ka ditsela tse
di farologanyeng e bile di le botlhoko, e leng go kojwa mo tirong, go
tlhoka legae ka Tlhoriso o mo kobile kwa ga gagwe ka a sa dire,
Khutsafalo le ene o ganne go mo itshwarela. O dira gore a tsenwe ka a
paletswe ke go duela bo Marumo ba ba felelang ba mo kenta ka
motswako o o senyang tlhaloganyo. O atlholelwa kgolegelo botshelo
jotlhe morago ga go bonwa molato wa masula otlhe a a ntseng a a dira.
6. b. MAIKUTLO A MOKWADI KE AFE KA BASADI BA BA
THUBELANG BA BANGWE MALWAPA
Mokwadi o kgala basadi ba ba thubelang ba bangwe malwapa. O dirisa
Tlhoriso go emela basadi bao. O dirisitse ditsela tse di latelang go supa
maikutlo a kgalo: teo leina, tshenolo ya botho jwa motshameki, puo ya
mokwadi, kobiso, setlhogo le kotlhao.
Mokwadi o dirisitse teo leina go kgala basadi ba ba thubelang ba bangwe
malwapa. O file motshameki leina Tlhoriso. Leina le le raya motho yo o
tshedisang ba bangwe bokete a ba kgerisa. Leina le le ya mareelelong, e
nna tota leina lebe seromo. Ke tlhoriso tota. Tlhoriso o tlhorisa/ kgerisa
batho ba bangwe. O ne a kgerisa Modiri ka dipuo le go batla madi ka
dinako tsotlhe gape o tshedisetsa Khutsafalo le bana mo kutlobotlhokong
ka a ba tseetse motlamedi a mo ikgagapeletse.
Go supa fa mokwadi a kgala basadi ba ba thubelang ba bangwe malwapa
o dirisitse tshenolo ya botho jwa motshameki. O mo senola a na le
botho jo bo leswe. O senola Tlhoriso a le setlhogo ka a bogisa Modiri a
mo kgobotletsa ka dipuo le go mo rotloetsa go ipolaela ngwana. O mo
senola gape a le pelotshetlha ka le fa a fiwa ga a kgotsofale, o batletse
madi ruri mo go Modiri. O mo supa gape a se na tebelopele ka o amogela
monna wa motho a bo a iketla le ene a sa lebelele ditlamorago tsa go dira
jalo.
Puo ya mokwadi ke nngwe tsela e mokwadi a e dirisitseng go kgala
basadi ba ba thubekang ba bangwe malwapa. Mokwadi o dirile gore
batshameki ba bangwe fa ba bua ka ga gagwe ba dirise puo ya tshotlo.
Modiri o mmitsa mosadi wa moloi yo o se nang pelo ka gonne o mo
tseetse gotlhe mo a neng a go direla kwa phelelong a bo a mo koba.
Moreetsi a re ke mosadi yo o pelotshetlha jaaka leina la gagwe.
Mokwadi o dirisa kobiso ya ditiragalo go supa fa a kgala basadi ba ba
thubelang ba bangwe malwapa. Dilo tse a neng a ipoleletse ka tsone ga e
nne tsone. O batla go isa ngwana wa ga Khutsafalo kwa kgolegelong
mme go tsamaya wa gagwe e bong Ditso. O ne a ithaa a re o itsheletse
teemane (Modiri) kante o raya a ipiletsa khumanego.
Mokwadi o dirisitse setlhogo sa motshameko go kgala basadi ba ba
thubelang ba bangwe malwapa. O biditse motshameko a re Letlapa le le
bolele. Setlhogo se se tswa mo seaneng se se reng botshelo ke letlapa le le
bolele bo a reledisa mme se se raya gore motho fa a sa tshele ka
keletlhoko o tsena mo mathateng. Tlhoriso o tlhokile kelotlhoko fa a
tseela Khutsafalo monna, fa a rotloetsa Modiri go ipolaela ngwana. O
felela a wa ka mpa ya sebete, a atlholelwa dikgomo di le boferabobedi
kana dingwaga tse pedi mo kgolegeleong go bo a thubetse Khutsafalo
lelwapa.
Mokwadi o otlhaya Tlhoriso ka thupa e e botlhoko go supa fa a kgala
basadi ba ba thubelang ba bangwe malwapa. O mo otlhoya ka ditsela tse
di farologanyeng e bile di le botlhoko ka o gapelwa dithoto tse a neng a di
kgobokantse ka Modiri, o atlholelwa go thubela Khutsafalo lelwapa a bo
a lefisiwa dikgomo tse di robangbobedi kana kgolegelo ya dingwaga tse
pedi fa a palelwa ke go ntsha dikgomo.
5. a.SEABE SA GA MODIRI
Modiri o na le seabe mo tsweledisong ya ditiragalo tsa motshameko o. O
rotltoeditse tse di latelang: tshotlego ya ga Khutsafalo, phenyo ya ga
Mofalotsi, loso lwa ga Lesogo, go kojwa mo tirong ga gagwe, go
tshwarwa ga ga Ditso le go atlholelwa kgolegelo.
Modiri o na le seabe mo tshotlegong ya ga Khutsafalo le bana. O a
amega ka o phuaganya lelwapa a bo a ya kwa ga Tlhoriso. Khutsafalo le
bana ba tlhoka yo o ba tlamelang ka Modiri e ne e le ene motlamedi wa
bone. Lelwapa le sala le nna mo tshotlegong e ba neng ba kgona go nna
ka tlala go se na dijo.
Go ikemela ka dinao ga lelwapa la ga Khutsafalo go bakilwe ke Modiri.
Morago ga go tlogelwa mo sebaka tsatsing go se na yo o ikaegileng ka
ene, ba dirisa sebaka seo go iteka ka maano a go itshetsa jaaka Khutsafalo
a dumetse mogopolo wa ga Kgololo wa go rekisa dinamane.
Phenyo ya ga Mofalotsi e mo maruding a ga Modiri. Fa a sena go ba
phuaganya Mofalotsi o bona go tshwanela go ema ka dinao go thiba
phatlha e e tlogetsweng ke Modiri ka go tlhwaafalela dithuto tsa gagwe
mme o fenya ka maduo a mantle.
Loso lwa ga Lesego le bakilwe ke Modiri. O a amega ka go thapa bo
Maarumo gore ba tsenyetse Mofalotsi botlhole mo dijong mme tsa jewa
ke Lesego yo o tlhokafalang ka a amogetse lerumo le le neng le
lebaganye Mofalotsi.
Go kojwa ga ga Modiri mo tirong re go batlela mo tlhogong ya gagwe. O
ne a adima madi kgapetsakgaetsa kwa tirong mme o felela a iphitisitse
dikoloto mo a neng a palelwa ke go busetsa kompone madi a yone. Ba
felela ba mo koba mo tirong.
Modiri o na le seabe mo go atlholelweng kgolegelo ga gagwe. Ke ene a
neng a dira melato ya go batla go bolaya Mofalotsi mme o felela a
tshwarwa a bo a atlholelwa botshelo jotlhe mo kgolegelong.
5. b. SEABE SA GA TLHORISO
-Tshotlego ya lelwapa la ga Khutsafalo.
-Go kobiwa ga ga Modiri mo tirong.
-Katlholo ya ga Modiri.
-Katlholo ya gagwe.
N.B Dirisa dintlha tse o kopise mo seabeng sa ga Modiri gore go dirwa
jang.
6. IPEE MO SEEMONG SA GA MODIRI FA KHUTSAFALO A
GANA GO MO AMOGELA. O BO O BUA SE A NENG A SE BUA
KA MAITEMOGELO A GAGWE.
Nna ke le Modiri ke fetogile moipolai yo o sa lelelweng. Ke ne ke e ja
mokaragana wa botshelo ke phuaganya Khutsafalo ka bana ke tlola tlola
fa morago ga ga Tlhoriso ke ithoma fa e le ene mosadi wa nnete.
E le ruri boeleele bo jesetsa mo lesweng! Ke ne ke iteseleditse go gogwa
ka tsebe ke Tlhoriso a nthotloetsa go phuaganya lelwapa ene a gabile gore
ke mo tlhokomelele ngwana ntswa ba me ba bolawa ke tlala.
Ke ne ke itebaditse Setswana se se reng maoto a nong ke phofa. Ke ne ke
nyatsa bana ba ga Khutsafalo gore ga ba ka ke ba nthusa ka sepe mo
botshelong ke lebetse gore ba tlaa gola ba tswa batho. Ke alafilwe ke
Mofalotsi ka sebele ene yo ke neng ke mo nyaditse. A matlhabisa
ditlhong e le ruri!
Bagaetsho mo botshelong o roba se o se jadileng, fa o lema bomolemo o
roba bomolemo, fa o lema bosula o roba bosula. Ke ne ke dira bosula fa
ke batla go senyetsa Khutsafalo le bana ba gagwe botshelo ka go batla go
bolaya Mofalotsi le go mo tsenya ka kgolegelo. Ke nna yo o mo
kgolegelong ke akola bosula le maduo a ditiro tse di bosula tse ke di
dirileng.
Borre kana bana ke mpho ya Modimo ba tshwanetse go tlamelwa. Ke ne
ke ikgatholosa go tlhokomela bana ke ba ikanetse fa pele ga Modimo. Ke
itemogetse fa ke ne ke le sekai se se bosula fa pele ga bongwanake.
Borre ba ba nyetseng le ba ba tlaa nyalang e re le bona bodiba bo jeleng
ngwana wa ga mmaalona le bo dikologe. Bona gore ke wele seriti mme
ke ne ke le monna wa lelwapa ke tlotlwa e le ka lebaka la go tlhoka go
tlotla nyalo ya me. Tlotlang manyalo a lona.
N.B. Potso e ka tswa gotwe o ipee mo seemong sa ga Khutsafalo,
Tlhoriso kgotsa Mofalotsi.
Kopisa fa godimo o itirele.
7. A MOKWADI O KGONNE GO SUPA PHETOGO YA BOTHO
MO GO MODIRI/KA FA MOKWADI A AGILENG MODIRI KA
TENG O KARE O KGONNE GO SUPA PHETOGO YA BOTHO
Mokwadi ga a kgona go supa phetogo ya botho ya ga Modiri mme go na
le itharabologelo e e sa tsepamang. Ga a na kwelotlase le kgolo mo
bothong jwa gagwe.
Kwa tshimologong mokwadi o mo supa a na le botho jo bo leswe jo bo sa
eletsegeng gothelele ka mokwadi o mo supa a le makgaka, o
kgakagafalela Khutsafala lebana a re ke dirathana e bile ke ditladianya.
Gape a re Khutsafalo ke sefefe sa mosadi se se batlelwang ka fat lase ga
monna.
O mo supa gape e le motho yo o senang tebelopele, o dira dilo fela a sa
lebelele ditlamorago tsa tsone, o iphitisitse dikoloto a sa ele tlhoko gore
go ka mo senyetsa tiro.
O tswelela a re mo neela a le sematla ka o ineeletse go dirisiwa ke
Tlhoriso ditiro tse di maswe jaaka go batla gore a bolaye Mofalotsi. Mo
godimo ga moo, Tlhoriso o mo jela madi ene o ipoleletse gore o a ratiwa.
Mo tswelelong ya ditiragalo mokwadi o mo supa a na le itharabologelo
le ntswa e sa tsepama. O itharabologelwa fa a ikopa maitshwarelo kwa ga
Khutsafalo mme Khutsafalo a bo a sa mo amogele.
Mokwadi ga a kgona go supa kgolo ya ga Modiri ka gore ga a supe
phetogo ya gagwe. Botho jo a simolotseng ka jone ga a bo latlhe gope go
ya kwa phelelong ya ditiragalo tsa motshameko.
8. A DITIRO LE DIKAKANYO TSA BATSHAMEKI DI
TSAMAELANA
LE PAKA LE LEFELO
Ditiro le dikakanyo tsa batshameki ba Letlapa le bolele di tsamaelana le
paka le lefelo. Paka ke ya seša fa lefelo e le motse o o tlhabologileng wa
Palapye.
Mo pakeng ya seša thuto e botlhokwa, ka jalo ga go thona go bona
Mofalotsi a inaakanya le go dira ka natla go fenya dithuto tsa gagwe.
Tlhoriso le ene o utlwa botlhoko fa Ditso a sa dira sentle mo dithutong tsa
gagwe ka a lemoga botlhokwa jwa thuto. Tlhoriso o boa a batla gore a
kgoreletse Mofalotsi mo dithutong tsa gagwe ka a itse gore fa a atlega o
tlile go thusa mmaagwe go mo sekisa. E le ruri thuto e botlhokwa.
Mo pakeng ya seša lenyalo ga le tlotlwe, ka jalo ga go gakgamatse go
bona Modiri e le rre yo o nyetseng a sa tlotle lenyalo la gagwe a ratana
kwa ntle le Tlhoriso. Tlhoriso le ene o amogela Modiri go nna mokapelo
wa gagwe ntswa a itse gore Modiri o nyetse.
Mo motseng o o tlhabologileng madi ke konokono ya botshelo, ka jalo
go matshwanedi go bona mongwe le mongwe a semeletse a batlana le
madi ka o ka se dire sepe ntle le one. Tlhoriso le ene o batla Modiri madi
mo e kareng jaanong o ratanela le ene one madi fela. Bo ngaka Marumo
le bone ba inaakantse go dira ditiro tsa borukutlhi ba le mo motlhaleng
wa madi. Se se supa gore, gore o tshele sentle mo motseng o o
tlhabologileng o tlhokana le madi.Khutsafalo o dira kgwebo ka kgakololo
ya ga Kgololo go tsenya bana dikolo.
Mo motseng o o tlhabologileng borukutlhi bo ile magoletsa ka jalo go a
tsamaelana go bona go na le borukutlhi jo bo tseneletseng jo bo neng bo
dirwa ke bo Marumo e bile e le jo bo sa tlwaelesegang jaaka go tshola
metswako e e sa itseweng e bile e senya tlhaloganyo mo lefelong le, go
tshola teemane le gone go itirela teseletso ya go tsena mo dikokelong ka
tshosologo.
N.B. Potso e kgona go tswa e itebagantse le motshameki a le mongwe e
sa akaretse batshameki jaaka fa godimo. Fa go ntse jalo wena o dirisa
dintlha tse di fa godimo mme o fe bosupi ka motshameki yo o mo filweng
fela.
SEKAI: A ditiro le dikakanyo tsa ga Modiri di tsamaelana le paka le
lefelo?
KAROLO YA BOBEDI NAKO: (1HR 10 MINS)
MATSHWAO: 25
PADI E KE SA E BALANG (Unseen prose)
Bala padi e o e kwaletsweng o dirisa ditsela tse o di rutilweng tsa go bala.
-Simolola ka *Okola [bala ka bonako go utlwa gore palo yotlhe e bua ka
ga
eng].
*Nopola [balela go tlhaloganya o tsaya dintlha tsa
botlhokwa].
Fa o sena go bala la bobedi o tshwanetse gore o bo o kgona go bolela se
palo yotlhe e buang ka ga sone [kgangkgolo].
-Fa o dirile tse di fa godimo o tlaa bo o lekane go araba dipotso tse di
boditsweng.
-Tlhopha potso e le nngwe (1) o e arabe o aga dintlha go tswa mo palong.
*Baithuti ba na le go lebala go dirisa dintlha tsa botlhokwa fela fa go tla
mo karolong e, ka jalo gakologelwa gore ga se dintlha dingwe le dingwe
tse o ka di dirisang go araba potso e.
* Objective tsotlhe fa o di boditswe mo karolong e [unseen prose] o di
araba fela jaaka o di rutilwe kwa [seen prose] o dirisa key term, o
gatelela dintlha tsa gago ka bopaki jwa temana jalo jalo.
KAROLO YA BORARO: LEBOKO
NAKO: (40 MINS) MATSHWAO: 15
DIPOTSO: Go botswa dipotso di le pedi, tlhopha e (1) o e arabe.
Dipotso e ka nna go tlhalosa leboko, maikutlo a mmoki
kgotsa molaetsa.
TLHALOSO YA LEBOKO
Dipotso
# Tlhalosa ka botlalo se mmoki a buang ka ga sone mo lebokong le.
Nonotsha
karabo ya gago ka dikapuo le dikinolo tse di lebaneng.
*Bala leboko o le tlhaloganye mo o ka le kwalololang ka mafoko a gago.
*Fa o tlhalosa, bala seele o bo o bolela kgang ya konokono mo go sone, o
dira jalo o dirisa mafoko a gago. Gatelela se o se tlhalosang ka kinolo e
e lebaneng go tswa mo lebokong. ELA TLHOKO- Fa o inola o tsaya
mafoko a mmoki jaaka a ntse.
*Leka ka bojotlhe o lemoge o bo o supe dikapuo tse di dirisitsweng mo
lebokong fa o tlhalosa. Fa sekapuo e le tshwantshanyo/tshwantshiso
bolela gore mmoki o tshwantshanya/tshwantshisa sebokiwa le eng.
-Fa e le mothofatso o kwala o re o mothofatsa [sebokiwa] fa a re,
RULE: Mmoki o boka [sebokiwa]. + A re [sebokiwa] +tlhaloso ka
mafoko a
me + go gatelela.
Go gatelela
RULE: Mmoki/O gatelela gore+ [sebokiwa] +repeat tlhaloso +sekapuo+
fa a
re,
MAIKUTLO A MMOKI
Dipotso
#Maikutlo a mmoki ke afe mo lebokong le. Nonotsha karabo ya gago ka
dikapuo le dikinolo tse di lebaneng.
Matseno
*Mmoki o boka_--------------------.
*Bolela maikutlo a mmoki.
*Bolela ditsela tse tharo tse a di dirisitseng go supa maikutlo a gagwe
[setlhogo,
puo le dikapuo]
*Dirisa ditsela tse tharo go tlhalosa maikutlo. ELA TLHOKO Tsela
nngwe le
nngwe e aga temana.
Setlhogo: Fa mmoki a bua ditiro tse dintle ka sebokiwa> o boka a
itumetse
Fa mmoki a bua ditiro tse di bosula/ masula ka
sebokiwa/ ditlamorago tse di bosula/matlhotlhapelo/masisapelo
>o
boka a utlwile botlhoko
Puo [Tsaya mafoko a a supang maikutlo a o a boletseng mo lebokong.
Dirisa mafoko a go go thusa (guide you) go bolela dikapuo]
Dikapuo: RULE- Mmoki o supa+maikutlo+key word+sekapuo+ a raya
gore
(Tlhaloso ka mafoko a me)+fa a re,
MOLAETSA
-Jaaka mo pading molaetsa wa leboko o mongwefela (1) ka dinako
tsotlhe.
-Gore o kgone go bolela molaetsa, go batla o itse botho SEKAI Tau> e
borai/setlhogo (molaetsa)> jang [Ke yone tiro ya moithuti gore a re
bolelele gore tau e setlhogo jang go ya ka leboko]
Thuto/Pula- E mosola (molaetsa)>jang [tlhalosa mosola o dirisa
dintlha
go tswa mo lebokong.
-O se ka wa lebala go gatelela ka dikapuo/ dikinolo.
Dipotso
# Ke eng se o se ithutileng go tswa mo lebokong le? Nonotsha karabo ya
gago ka dikinolo le dikapuo tse di lebaneng.
DIKAPUO
Mo lebokong re fitlhela dikapuo tse di latelang:
-TSHWANTSHANYO
Ke sekapuo se mo go sone mmoki a tshwantshanyang sebokiwa le selo
sengwe a dirisa mabopi a a latelang [jaaka/boo/o kare/e kete/seka/se…,
tshwana/tshwanelang].
DIKAI
*O tsamaya jaaka khudubane.
*Selenah o kare setotojwane.
*O nonne tota e kete kolojwane.
* Ka re o nkgarumetse sekankwena gompieno.
* O gata sesole mosimane.
* A re ke kwale boo ke na le pena.
*E tshwana le kgomo ga e robatse morutegi.
-TSHWANTSHISO
Sekapuo se sone mmoki o tshwantshisa sebokiwa le sengwe ka go bitsa
sebokiwa ka selo seo. Mo sekapuong se go dirisiwa mabopi [ke/yo] kana
go bidiwa sebokiwa ka selo se se tshwantshisiwang le sone.
DIKAI
*Monna yo tau.
*Tau e e magalamasuki.
* Ronald ke noga.
-MOTHOFATSO
Mo sekapuong se, selo se e seng motho go buiwa ka sone jaaka o kare go
buiwa ka motho. Fa tiro e dirwa ke motho le ditshidi tse dingwe go
dirisiwa mabopi a setho jaaka [sa gago/wa gago/ tsa gago/ wena/ jalo
jalo].
DIKAI
*Loso tlhe o setlhogo!
*Serame se bala dikobo.
*Letsatsi la mono ngwaga le eme ka dinao.
-POELETSO MODUMO
Mo sekapuong se go boelediwa lefoko lengwe/ le dirisiwa gantsi.
DIKAI
*O nwe tlhoa Mofenyi, ka tlhoa o tle o tlhoafalele phenyo.
* Dilo tseo dibabatsane, di babile mogatsa Moilwe botlhoko a babega.
-PHEFOFATSO
Mo phefofatsong mafoko a a tlhapatsang/tlhabang maikutlo a a
nolofadiwa gore a se ka a tlhaba yo o buisiwang maikutlo.
DIKAI
*Fa re bua ra re, o ithwele mme fa re kwala ra re o itsholofetse/ o
tlhaelwa ke lebantse.
*Fa mogolo a ntshitse mowa ra re, o tlhwantsitse lerapo la mokwatla.
*Fa mogolo a tagilwe ra re, o itumetse.
*Mogolo o bofolola pante e seng o a ithoma.
* Ngwana o ile ntle/ o ithometse fale e seng o kakile.
-PHETELETSO
Sekapuo se se godisa sebokiwa go feta jaaka re se itse/bona.
DIKAI
* Ga se metsi ke lewatle.
* Motshetshe wa borokgwe jwa gagwe legare le feletse.
* O tshegile gore a sale a tshwere mala ka diatla.
*O gorile mogopo ka loleme gore a bo a o phunye.
-KOBISO
Kobiso ke kganetso ya nnete [maaka].
DIKAI
*O di gatile gore gompieno.(Mme motho a apeile ditota).
*Bontlenyana jwa gagwe bo ratile go bolaya batho ka ditshego kwa
lenyalong fa a tsena. (Nnete ke gore o mompe).
MEKGABISA
TEPATEPANO
A.Tepatepano e e tlhamaletseng
Mafoko a a simololang mola wa ntlha a simolola mola wa bobedi.
SEKAI: Tau segatlhamelamasisi,
Tau e jang motho le phologolo.
b. Tepatepano e e tlolanang
Mo go yone lefoko le le simololang mola wa ntlha le feleletsa mola wa
bobedi, lefoko le le feleletsang mola wa ntlha le simolola mola wa
bobedi.
SEKAI: Monna o se nang kgomo mosimane,
Mosimane o nang le kgomo monna.
c. Tepatepano ya bokao
Mo go yone bokao jo bo fiwang ke mela e mebedi/ meraro bo a tshwana.
Mo lebokong la BOSIELA tepatepano ya bokao e supiwa ke mela e,
Moselesele o sadisang le makape,
Go sale bolota go sale botlhoko,
Go sale sebodu se tlhokang dipheko
Bokao jo bo fiwang ke diele tse di fa godimo ke gore Bosiela bo tlisa
kutlobotlhoko e e tseneletseng.
KGOKAGANO
Mogopolo/ lefoko le le feleletsang mola wa ntlha (seele) le simolola
mola wa bobedi.
SEKAI
Bonang Pilane o itsetse,
Pilane o itsetse ka bopelokgale.
TLOGELO
- Go a bo go tlogetswe modumo mongwe mo lefokong.
-Re lemoga tlogelo ka letshwao la phegelwana (comma) kwa godimo ga
lefoko.
SEKAI:
Lefoko le foko je.
ELA TLHOKO: Le fa potso e rile o dirise dikinolo go rurifatsa o dirisa
dikapuo le dikinolo.
MABOKO A A LATELANG A TLAA ARABA DIPOTSO TSA
LEBOKO
Bosiela
Ijoo! Batho ntlhagang mokgosi,
Ntlhagang mokgosi ke tlhasetswe,
Leruarua le tsene ga mme le atlhame,
La tswala molomo ka sala ke iphotlhere,
Le nketse ka dinakana bodibeng leruarua.
Bosiela tau e e tlala kgologolo, selalome,
Bosiela moloi yo o tlhakantseng le bobelotshetlha,
Jaaka tladi bo ratha motho le leruo,
Bo tshwana le tlala ga bo tlhaole.
Loso o mpaketse mathata tlhe ruri,
O ntseetse batsadi ka sala le bosiela
Wa ntlela ka leswe ga le tlhapege,
Wa mphula ka tlhobolo e sa thunyeng,
Wa mpiletsa diphefo sekgweng.
Thari ya ga mme e kgaogile,
Tlhale di mpheletse morutsheng,
Botlhale bo ntatlhegetse sethipana,
Ao, bathong ba Modimo tlhe nthusang!
Fifing le ntshware ka kobo.
Tota o ntswela kae mokwepa ke wena,
Wena bosiela o selalome sa nnete,
Phalana e setse 'phala di ile ka botlhale,
Go setse phofa nong e tsamaile,
Lesiela ke iphotlhere semhagola katse.
POTSO
Tlhalosa leboko le o bo o rurifatsa karabo ya gago ka dikinolo le
dikapuo go tswa mo lebokong(15).
Mmoki mo lebokong le ke ene lesiela. Mmoki o boka bosiela jo a
tshelelang mo go
jone. A re o setse a le esi a se na mothusi ka ntlha ya loso lo lo gapileng
batsadi
ga gagwe. O gatelela gore loso ke lone lo mo gapetseng batsadi mme a
sala a le esi a se na mothutsi ka go tshwantshisa loso le leruarua fa a
re,
Leruarua le tsene ga mme le atlhame,
La tswala molomo ka sala ke iphotlhere.
O tswelela a re bosiela ga bo tlhaole, bo diragalela sengwe le sengwe.
Mmoki o gatelela fa bosiela bo sa tlhaole, bo diragalela sengwe le
sengwe ka go tshwantshanya bosiela le tlala gammogo le tladi fa a re,
Bo tshwana le tlala ga bo tlhaole.
Jaaka tladi bo ratha motho le leruo.
Mmoki o tswelela a re bosiela ke selo sa sennelaruri. O gatelela fa bosiela
bo nnela ruri ka go mothofatsa bosiela fa a re, Wa ntlela ka leswe ga le
tlhapege.”
Mmoki o garela a re o itlhobogile mo botshelong, a re ga a na le se a ka
se itirang
ka le maano a botshelo a mo feletse. O gatelela boitlhobogo jwa gagwe fa
a re,
Tlhale di mpheletse morutsheng,
Botlhale bo ntatlhegetse sethipana.
ELA TLHOKA: Fa potso e rile tlhalosa, o boelela lefoko a re.
RULE: Mmoki a re/ O tswelela a re+tlhaloso+o gatelela+sekapuo/kinolo.
POTSO
Tlhalosa maikutlo a mmoki mo lebokong le o bo o rurifatsa karabo
ya gago ka dikapuo le dikinolo go tswa mo lebokong (15).
Mmoki mo lebokong le ke ene lesiela. O boka bosielo jo bo mo go ene.
Mmoki o boka a utlwile botlhoko.
O dirisitse setlhogo, puo le dikapuo go supa kutlobotlhoko ya gagwe.
Setlhogo bosiela se supa matlhotlhopelo ka jalo go maleba gore mmoki a
boke a utlwile botlhoko.
Puo e mmoki a e dirisitseng mo lebokong le yone e supa fa a utlwile
botlhoko. Mafoko a a latelang a supa kutlobotlhoko ya mmoki: moloi,
bobelotshetlha, tlala, ga bo tlhaole, tau e e tlala kgologolo, selalome,
leruarua, ke iphotlhere semhagola katse.
Diakapuo tse mmoki a di dirisitseng le tsone di supa kutlobotlhoko ya
gagwe. O supa kutlo botlhoko ya gagwe ka go sotla loso lo lo mo
gapetseng batsadi mme a sala a le esi ka go lo tshwantshisa le leruarua fa
a re,
Leruarua le tsene ga mme le atlhame,
La tswala molomo ka sala ke iphotlhere.
O tswelela a supa kutlobotlhoko ya gagwe ka go sotla bosiela ka go bo
tshwantshanya le tlala le tladi fa a re,
Bo tshwana le tlala ga bo tlhaole,
Jaaka tladi bo ratha motho le leruo.
A raya gore bosiela ga bo tlhaole, bo diragalela sengwe le sengwe.
Mmoki o tswelela a supa kutlobotlhoko ya gagwe ka go sotla bosiela ka
go bo mothofatsa fa a re, "Wa ntlela ka leswe ga le tlhapege." A raya gore
bosiela ke selo sa sennelaruri.
ELA TLHOKO:Fa e le maikutlo o kwala lefoko, o supa kutlobotlhoko
/khutsafalo ya gagwe mo temaneng nngwe le nngwe.
RULE: Maikutlo+keyword+sekapuo/kinolo+tlhaloso
Tlhalosa molaetsa wa leboko le o bo o rurifatsa karabo ya gago ka
dikinolo le dikapuo go tswa mo lebokong/ O ithutile eng (15).
Molaetsa wa leboko le ke gore bosiela bo setlhogo. Bosiela bo setlhogo
ka gore ga bo tlhaole, bo diragalela sengwe le sengwe. Mmoki o gatelela
bosetlhogo jwa bosiela ka go tshwantshanya bosiela le tlala le tladi go
supa fa e le tiragalo e e diragalelang sengwe le sengwe fa a re,
Bo tshwana le tlala ga bo tlhaole,
Jaaka tladi bo ratha motho le leruo.
Mmoki o tswelela a senola bosetlhogo jwa bosiela ka go bolela fa e le
selo sa sennelaruri. O gatelela bosetlhogo jwa bosiela a supa fa e le selo
sa sennelaruri ka go mothofatsa bosiela fa a re, "Wa ntlela ka leswe ga le
tlhapege."
O tswelela a supa bosetlhogo jwa bosiela ka go tshwantshatshisa loso lo
lo mo gapetseng batsadi a sala a le nosi le leruarua fa a re,
Leruarua le tsene ga mme le atlhame,
La tswala molomo ka sala ke iphotlhere.
Mmoki o tswelela a senola bosetlhogo jwa bosiela ka go bolela fa bo dira
motho gore a felelwe ke maano a botshelo. Mmoki o gatelela fa botshelo
bo tlhokisa motho maano a botshelo fa a re, "'Tlhale di mpheletse
morutsheng."
Pula
O tshwanelang le kgomo wena pula,
Kana o yone ka e tlhoka ka tlhoka boroko,
O seyong letsatsi le re fisa diphogwana,
Le re fise re bo re nyerologe mafura.
Wena o yone ka e bona ka tlhoka boroko,
Tota o madira-dintle,o madira-di-maswe.
O mainaina o kare o Jeso,
Ba gobitsa maina bokgogolamoko le sephai,
Ba go bitsa matlakadibe le mosarasarane,
Le bo medupe o a ne o a tewa,
O le teng ditlhare di a kgatlhisa,
Mabele tshimong a matalana,
A matalana jaaka bolele metsing,
Magapu, ntšhe le mmidi ke ntletsentletse.
Banyana ba tshegatshega ba itumetse,
Tota ba tika lerago ba a kgora.
Dithunya nageng di kgabile ka mebala,
Digwagwa megobeng di a tshega,
Dinonyane ditlhareng di a opela,
Namane di a karagana sakeng,
Wena pula tota o mogaka.
Motswedi: Mosukujane, 2008 le L.L.Polelo le B. Moses,Pentagon
Publishers, tsebe 14-15
POTSO
Tlhalosa se leboko le le buang ka ga sone o bo o rurifatsa karabo ya
gago ka dikinolo le dikapuo go tswa mo lebokong (15).
Mmoki o boka pula. Leboko le lotlhe le mothofaditswe. Mmoki a re pula
e botlhokwa mo botshelong jwa motho fela jaaka kgomo. O gatelela
botlhokwa jwa pula mo botshelong jwa motho fa a re, "O tshwanelang le
kgomo wena pula"
Mmoki o tswelela a re fa pula e seyo go nna mogote o o feteletseng. O
gatelela gore fa pula e seyo go nna mogote o o feteletseng ka go bua
jaana,
O seyong letsatsi le re fisa diphogwana,
Le re fise re bo re nyerologe mafura.
O tswelela a re le fa pula e le botlhokwa, e kgona go nna bosula ka gore e
a senya gape e kgona go na ka merwalela,diphefo le ditladi tse di bakang
tshenyo. O gatelela botlhokwa le bosula jwa pula fa a re, "Tota o madira-
dintle. O madira-di-maswe pula."
Mmoki o tswelela a re pula e bidiwa ka maina a a farologaneng go
lebeletswe metlhale le dinako tse e nang ka tsone. Mmoki o gatelela gore
pula e bidiwa ka maina a a farologaneng go lebeletswe metlhale le dinako
tse e nang ka tsone fa a re,
O mainaina o kare o Jeso,
Ba go bitsa maina bokgogolamoko le sephai,
Ba go bitsa matlakadibe le mesarasarane,
Le bo medupe o a ne o a tewa.
Mmoki o tswelela a re fa pula e nele naga e nna ntle. O gatelela gore fa
pula e nele naga e nna ntle fa a re,
O le teng ditlhare bontle di a kgatlhisa,
Dithunya nageng di kgabile ka mebala.
O tswelela a re dijo di nna dintsi mo masimong fa pula e nele. O gatelela
fa dijo di nna dintsi mo masimong fa pula e nele fa a re, "Mabele
tshimong, ntšhe le mmidi ke ntletsentletse."
Mmoki o tswelela a re ditshedi tsa naga le tsone di a itumela fa pula e
nele. O gatelela fa ditshedi tsa naga di itumela fa pula e nele ka go bua
jaana,
Digwagwa megobeng di a tshega,
Dinonyane ditlhareng di a opela.
ELA TLHOKO: Fa sekapuo se le sengwefela (1) mo lebokong, o se
buela ruri
kwa ntlheng, o bo o sa tlhole o se boelela (repeat) fa o
kwala.
Jaaka fa godimo, go boletswe gore leboko lotlhe le
mothofaditswe ke ka jalo o tlamegang go kwala fela o
re,
mmoki o gatelela … fa a re…
Thuto
Papadi e e thata go bonwa,
Mmonwa ke mophakedi,
Nkwenkgoge wa botshelo,
Boikgantsho jwa yo o botlhale.
Ke ntwa e e lowang ka gotlhe,
Ke makau le makgarebe a ka moso,
Ka phenyo e ba naya a maša maina,
Morutabana, lepodise, mooki, mainaina.
Thuto ke khumo, motlhokatlhaolele,
Motsena-gongwe-le-gongwe e se loso,
Sephala teemane, setshwarelwa,
Boswa bo tshwerwe bo sa lwelweng.
Thuto sebonwa ke motsogapele,
Ga se sewagodimo jaaka kapoko,
E fufulelwa go se na tshameko,
Go lwelwa mofufutso wa phatla isagong.
Ntšanyana ya maitayasebatana…
Mmamotse o bonwa mantlwaneng,
Matshaba-dibuka ke molotsana,
Ka o tswa pelo go abiwa magopelo.
O ja makgwafo go jewa dinama,
O tshwana le tau ya motsofe,
E reng go tšhotlhwa e kaleye fela,
E re 'tau di bopa e kgorotlhe.
POTSO
Tlhalosa leboko le o bo o rurifatsa karabo ya gago ka dikapuo le
dikinolo go tswa mo lebokong(15).
Mmoki o boka thuto. A re thuto e botlhokwa mo botshelong jwa motho.
O gatelela botlhokwa jwa thuto mo mothong ka go tshwantshisa thuto le
nkwe fa a re, "Nkwenkgoge wa botshelo."
O tswelela a re thuto e re fa maemo a a eletsegang mo setšhabeng.
Mmoki o gatelela gore thtuo e re fa maemo a a eletsegang mo setšhabeng
ka go dirisa sekapuo sa pheteletso fa a re,
Ka phenyo e ba naya a maša maina,
Morutabana, lepodise, mooki, mainaina.
Mmoki o tswelela a re thuto e fa motho seriti. O gatelela fa thuto e fa
motho seriti ka go tshwantshisa thuto le selo se morutegi a itlotlomatsang
ka sone ka go bua jaana, “Boikgantsho jwa yo o botlhale.”
O tswelela a re thuto ga e tlhaole, e bulegetse mongwe le mongwe gape e
dira gore re tshele botshelo jo bo botoka. Mmoki o gatelela gore thuto ga
e tlhaole, e bulegetse mongwe le mongwe gape e dira gore re tshele
botshelo jo bo eletsegang ka go tshwantshisa thuto le khumo le
motlhakat;lhaolele fa a re,"Thuto ke khumo, motlhokatlhaolele."
Mmoki o tswelela a re ga go na ope yo o ka tsayang thuto mo go yo
mongwe. O gatelela fa thuto e sa ka ke ya amogiwa yo mongwe ka go
tshwantshisa thuto le boswa fa a re,"Boswa bo tshwerwe bo sa
lwelweng."
Mmoki o tswelela a re morutegi o sale a itshupile ka ditiro tsa gagwe tse
dintle gore o batla katlego. O gatelela gore morutegi o sale a itshupile ka
ditiro tse dintle ka go tshwantshisa morutegi le ntšanyana ka go bua
jaana, "Ntšanyana ya maitayasebatana…"
Mmoki o tswelela a re yo o ilang/ sa rateng go rutega ene o eletsa a bo a
fufegela barutegi ka ba a bo ba tshela sentle. O gatelela gore yo o ilang go
rutega a tswela barutegi pelo a bo a ba fufegela ka ba a bo ba tshela sentle
ka go tshwantshisa motho yo o ileng thuto le molotsana fa a re,
Matshaba-dibuka ke molotsana,
Ka o tswa pelo go abiwa magopelo,
O ja makgwafo go jewa dinama.
Tlhalosa se o se ithutileng mo lebokong le. Rurifatsa karabo ya gago
ka dikapuo le dikinolo go tswa mo lebokong (15).
Ke ithutile gore thuto e botlhokwa mo botshelong jwa motho. Thuto e
mosola ka gore e fa motho seriti. Mmoki o gatelela gore thuto e
botlhokwa ka e fa motho seriti ka go tshwantshisa thuto le selo se
morutegi a itlotlomatsang ka sone fa a re, “Boikgantsho jwa yo o
botlhale.”
Mmoki o tswelela a supa mosola wa thuto ka go bua gore thuto e re fa
maemo a a eletsegang mo setšhabeng. Mmoki o gatelela gore thuto e
botlhokwa ka gore e re fa maemo a a eletsegang mo setšhabeng ka go
dirisa sekapuo sa pheteletso fa a re,
Ka phenyo e ba naya a maša maina,
Morutabana, lepodise, mooki, mainaina.
O tswelela a supa fa thuto e le botlhokwa ka gore e bulegetse mongwe le
mongwe e bile e dira gore re tshele botshelo jo bo eletsegang. O gatelela
fa thuto e bulegetse mongwe le mongwe e bile e dira gore re tshele
botshelo jo bo eletsegang ka go tshwantshisa thuto le khumo le
motlhokatlhaolele fa a re,"Thuto ke khumo, motlhokatlhaolele."
Mmoki o tswelela a supa mosola wa thuto ka go bua fa go se na ope yo o
ka tsayang thuto mo go yo mongwe. O gatelela fa thuto e le mosola ka
gore ke mpho motho a ka e se e amogiwe ke ope ka go tshwantshisa thuto
le boswa fa a re,"Boswa bo tshwerwe bo sa lwelweng."
Mmoki o tswelela a supa botlhokwa jwa thuto ka go bolela fa thuto e
betlela motho bokamoso. O gatelela fa thuto e le botlhokwa ka e betlela
motho bokamoso ka go bua jaana, "Go lwelwa mofufutso wa phatla
isagong."
Le fa mmoki a supile gore thuto e botlhokwa mo botshelong jwa motho,
o kgonne go supa gore motho ga a rutege fela motlhofo, o tshwanetse go
dira ka natla gore a atlege. Mmoki o gatelela fa thuto e batla motho a dira
ka natla ka go tshwantshisa thuto le papadi fa a re,
Papadi e e thata go bonwa,
Mmonwa ke mophakedi,
Kapari ya seša
Tlhabologo e re bolaetse bana Batswana,
E re dubetse motshelo ruri re akabetse,
Ra sala re itshwere melomo,
Tlhabologo e tsere taolo yotlhe.
Kapari ya seša e re tsenya matlho a batho,
Baditšhaba ruri ba re tlhodile meno,
Ba re tlhobogile tota tsatsi le penne,
Ba bona re meditswe ke leruarua tlhabologo.
Basetsana ruri ba tsamaya ka bothata,
Kapari e ba tshwere ya ba monoka,
Mangole a bone ruri a opetse ruri,
Ka ditlhako di ba fitlhisang magodimong,
Menwana e tlhoka melomo go ikuela,
Marokgwe a tserweng banneng,
Ruri basadi ba gapetse banna marokgwe.
Basimane bone tota ba tshwere bothata,
Marokgwe a golediwa ka metlha,
Tota ga twe maburabura ke a eng basimane?
Diphatsimane ditsebeng ke tsa eng basimane?
Bagolo kana ga ba a salela morago,
Ba tshabile phokojwe yo o kwa morago,
Le bone ba inaakantse le kapari ya seša.
Bagolo tlhe lo re sega tsebe!
POTSO
Tlhalosa leboko le o bo o rurifatsa karabo ya gago ka dikapuo le
dikinilo go tswa mo lebokong (15).
Mmoki o boka kapari ya seša. A re tlhabologo e fetotse banana e ba dirile
gore ba se ka ba apara mo e bileng ba tlhabiwang ke ditlhong. O gatelela
fa tlhabologo e fetotse bana ya ba dira gore ba se ka ba apara mo e bileng
ba tlhabiwang ke ditlhong ka go dirisa sekapuo sa pheteletso fa a re,
Tlhabologo e re bolaetse bana Batswana,
E re dubetse motshelo ruri re akabetse.
O tswelela a re re nyadiwa ke batswakwa ka ntlha ya gore re siile le
kapari ya bone re latlhile ya rona. Mmoki o gatelela fa re nyadiwa ke
batswakwa ka re siile le kapari ya bone ka go bua jaana,
Baditšhaba ruri ba re tlhodile meno,
Ba re tlhobogile tota tsatsi le penne,
Ba bona re meditswe ke leruarua tlhabologo.
Mmoki a re bana ba basetsana ba palelwa ke go tsamaya ka ntlha ya
diaparo tse di gagamatsang mmele. O gatelela fa basetsana ba palelwa ke
go tsamaya ka ntlha ya go diaparo tse di gagamatsang mmele ka go
mothofatsa kapari fa a re, "Kapari e ba tshwere ya ba monoka.''
O tswelela a re ba rwala ditlhako tse ditelele tse di bakang makoa. Mmoki
o gatelela fa basetsana ba rwala ditlhako tse ditelele tse di bakang makoa
ka go bua jaana,
Mangole a bone ruri a opetse ruri,
Ka ditlhako di ba fitlhisang magodimong,
Menwana e tlhoka melomo go ikuela.
O tswelela a re basimane bone ba nna ba goletsa marokgwe
kgapetsakgapetsa ka ke one a a rekwang a le matona a bo a aparelwa kwa
tlase ga dinoka. Mmoki o gatelela fa basimane ba nna ba goleditse
marokgwe ka a rekwa a le matona le go bewa kwa dinokeng fa a re,
Basimane bone tota ba tshwere bothata,
Marokgwe a golediwa ka metlha,
Tota ga twe maburabura ke a eng basimane?
Mmoki o tswelela a kgala go rwala malengana ga bana ba basimane. O
gatelela go rwala malengana ga bana ba basimane fa a re, "Diphatsimane
ditsebeng ke tsa eng basimane?"
Mmoki o garela a re o tlhabiwa ke ditlhong ka gore bagolo le bone ba
inaakantse le tlhabologo, ba apara diaparo tsa seša tse di kalelang e bile di
boga mebele. O gatelela fa bagolo ba tlhabisa ditlhong ka le bone ba
apara diaparo tsa seša tse di kalelang e bile di boga mmele ka go bua
jaana,
Bagolo kana ga ba a salela morago,
Ba tshabile phokojwe yo o kwa morago,
Le bone ba inaakantse le kapari ya seša.
Bagolo tlhe lo re sega tsebe!
Tlhalosa se mmoki a buang ka ga sone mo lebokong le. Nonotsha
karabo ya gago ka dikapuo le dikinolo (15).
BOJWALWA/NNO-MOSENYA-DI-AGELA
Bojwala ke bodiba bo sa kgaleng
Wa jone motswedi ke o o sa kgaleng
O nolwe ke borara wa nowa le ke rona
O tsoga o fatwa ke ba rona bana
Ka ba itlhoma ba ka o tshwara
Ke morwalela bo rwele mephato
Bo gogetse bontsi tseleng ya tatlhego
Bo rutile motho puo a sa e itse
Phefofatso ya nna molebadi ke gakilwe
Motho o tsena mo diphatseng a sa lemoge
Ga bo tsaalane molelo le papadi
Ga bo ditlhong go agolola lelwapa le agilwe
Tsala e kgolo ya jone ke lehuma
Bo tsena mo kgetsing bo e upotse
Bo tsena mo sakeng bo le onatse
Ke kgogedi bo gogetse mephato
Bontsi jwa thanya lo le tsebeng
Bontsi jwa thanya go se na bodirololo
Re se thanye re wetse isong
Mmoki o boka bojalwa. A re bojalwa bo nna bo le teng/ ke selo sa
sennelaruri. Mmoki o gatelela gore bojalwa ke selo sa sennelaruri ka go
tshwantshisa bojalwa le bodiba jo bo nnang bo na le metsi le motswedi fa
a re,
Bojwala ke bodiba bo sa kgaleng
Wa jone motswedi ke o o sa kgaleng
O tswelela a re bojalwa ga bo tlhaole bo nowa ke bagolo le bana. Mmoki
o gatelela gore bojalwa ga bo tlhaole bo nowa ke bagolo lebana ka go
mothofatsa bojalwa fa a re,
O nolwe ke borara wa nowa le ke rona
O tsoga o fatwa ke ba rona bana
Mmoki o tswelela a re baša ba ipoleletse gore ba ka tila masula a bojalwa
ka ba a lemogile. O gatelela gore baša ba ipoleletse gore ba ka tila masula
a bojalwa ka ba a lemogile ka go mothofatsa bojalwa fa a re,
O tsoga o fatwa ke ba rona bana
Ka ba itlhoma ba ka o tshwara
Mmoki o tswelela a re bojalwa bo bakela/tsenya batho ba le bantsi
mathata. O gatelela gore bojalwa bo bakela/tsenya batho ba le bantsi
mathata go tshwantshisa bojalwa le morwalela fa a re,
Ke morwalela bo rwele mephato
Bo gogetse bontsi tseleng ya tatlhego
O tswelela a re bojalwa bo dira gore ba ba didimetseng ba itse go bua.
Mmoki o gatelela gore bojalwa bo dira gore ba ba didimetseng ba itse go
bua fa a re, “Bo rutile motho puo a sa e itse.”
Mmoki o tswelela a re bojalwa bo dira gore batho ba tlhoke ditlhong le fa
ba bua matlhapa. O gatelela gore bojalwa bo dira gore batho ba tlhoke
ditlhong le