NGWANA O ANYWA MMAGWE A SULE
TLHALOSA KA BOTLALO SEABE SA GA KEIMETSWE MO TSWELEDISONG YA DITIRAGALO TSA NGWANA O
ANYWA MMAAGWE A SULE
Keemetswe o na le seabe mo tsweledisong ya ditiragalo tsa padi ya “ngwana o anyway mmaagwe a
sule” Keimetswe o na le seabe mo tshotlegong ya mogotlwana le bana. O rotloeditse tiragalo e ka go
phuaganya Mogotlwana le bana abo a fetla a ratana le mosetsana wa goorra Suping. Go supa fa
Keimetswe a phuagantse Mogotlhwana le bana, mokwadi are “ditsholofelo tsa gagwe tsa nna
makgobekgobe, tsa ntshofatsa tse a di tlogetseng kwa morago kwa gae,ere fa go lejwa magaeng ene abo
a leba goorra Suping,rra motsa a dike a mo kgekga ka kwa botlhaba. Tshotlego ya Mogotlhwana le bana
e supiwa ke mokwadi ka mafoko a a reng,’gatwe monna mongwe waba ba neng batle ba bone jaaka
mosadi le bana ba wela mo isong o kile a peta sebete monna tlhe gago tualo”.
Keemetswe o rutueditse phitlho ya gagwe ya matlhabisa ditlhong. O bakile tiragalo e ka gore ere a le ko
teemaneng abo a sa ikgobokanyetse sepe ebile a itlhokomolosa le dilo tsa gagwe tse di ka mo thusang
jaaka a ne a itlhokomolositse dikgomo tsa gagwe. Mo godimo ga tiragalo e madi a gagwe o ne a a jela
mo ganong a a neela mosetsana wa goorra supping ka ebile a ne a mmoleletse gore ga a nyala ebile ga
ana bana. Go supa f pitlho ya ga keimetswe e le ya matlhabisa ditlhong mokwadi o boletse gore badire
ka ene ba ne ba mo kolokela madi gore setopo se goroge gae.
Ke ka ntlha ya ga keimetswe gore ere mogotlhwana a ile go ikoela ko ga rraagwe a bo rraagwe a mo
gasetsa diatla/ a mo itlhokomolosa. Keimetswe o rotloeditse tiragalo e ka go nyala mogotlhwana le
ntswaa rraagwe mogotlhwana a ne a le kgatlhanong le lenyalo le ebo ere kwa morago ao a phuaganya
mogotlhwana a diilwe ke mosetsana wa ko goorra supping. Go ikuela gag a mogotlhwana ko go rragwe
go supagala fa mokwadi are,”yare e fotlha mogotlhwana fa, ya mo lebisa gaabo kwa goorra kgalapa ke
gone bo rra keimetswe ba tlaa itseng fa le ene a tseetswe baa tlaa itse gore ga e aka yare ba mo tsaya
mo mohitlhela a sena batsadi b aba ka mo sekang” go supa fa rragwe mogotlhwana a mo gasetsa diatla
mokwadi o supile rraagwe mogotlhwana are “ erile ke go raya kere o taa dira eng ka losika la bophekgwa
wa ithiba ditsebe kgola o le utlwe moraadia kgalapa, mogotlhwana o kile are maruping go boelwa”
mokalajwe a mo naya mokwatla”
Keimetswe o na le seabe mo go reng, dikeledi, mmalorato le keditsene b abo ba tshamekela mo go
mogotlhwana o rotloeditse tiragalo e ka go phuaganya mogotlhwana le masika a gagwe a bosula. Go
supa fa mmalorato le dikeledi ba tshamekel mo go mogotlhwana, mokwadi o supile dikeledi a re” le fa
re ntshitse mogotlhwana kgwedi re aga re mo rugile jaana, tota ga ke itse se re se lwelang le ene, ke
setse ke ya le mmalorato yo le ene a lwantshang mogotlhwanalesidi fela . Keditsene o supilwe ke
mokwadi a tshamekela mo go mogotlhwana ka gore o ganne ka dikgomo tsa ga Keimetswe tse
mogotlhwana a ka bong a di dirsitse go itshetsa le bana mme kwa morago Keditsene o bua gore
mogotlhwana o tlhabakwa ke mpa , ke sone a ganang madi a moepo
Keimetswe ke ene a direleng gore mogotlhwana a bo a ne gana madi a phimolo dikelrdi a a neng a tla ka
mabalane go tswa kwa moepon. O rotloeditse tragalo e ka gore e rile a le ko teemaneng abo a latola fa a
nyetse ebile a na le ban. Sesupo sa gore mogotlhwana o ne a gana madi a phimolo dikeledi kef a
mokwadi a supa mogotlhwana a re” keimetswe ga a ise a rate gore ke je mofufutso wa phatla ya gagwe,
tsaya mosepele o ye ko goorra supping kwa keimetswe a ratileng diatla tsa gagwe di direla teng, nna ga
ke legodu ga ke utswi di tsa batho”.
Kemetswe o rotloeditse gore tshetlha a tlhwaafalele dithuto tsa gagwe abo a felele a atlhegile mo
botshelong. O na le seabe mo tiragalong e ka go phuaganya ogotlhwana le bana mme tshetlha a bona go
le maleba gore a dire ka natla kwa skoleng gore atle a ntshe mmaagwe mo tshotlegong. Go supa fa
tshetlha a tlhwaafaletse dithuto tsa gagwe mokwadi o supile barutabana fa are”